NUMERI 35 - Setswana 1970(TSW70)

Metse ya Balefi

1 Morena a ba a bua le Moše kwa mabaleng a Moabe gaufi le Joretane go lebagana le Jerigo a re:

2“Laela Baiseraele gore ba nee Balefi metse e ba ka nnang mo go yona, e ntshiwe mo bosweng jwa dinaga tsa bone; le gona lo nee Balefi mafulo a metse eo mo tikologong ya yona.

3A metse eo e nne ya bone go nna mo go yona; a mafulo a yona e nne a dikgomo tsa bone le a difutshane tsa bone le a diphedi tsotlhe tsa bone.

4A mafulo a metse e lo tla e nayang Balefi a simologe fa loboteng lwa motse le go lo katoga mabogo a le 1 000 mo ntlheng tsotlhe.

5Mme ka kwa ntle ga motse lo lekanye lotlhakore lwa botlhabatsatsi lwa mabogo a le 2 000 le lotlhakore lwa bophirimatsatsi lwa mabogo a le 2 000 le lotlhakore lwa bokone lwa mabogo a le 2 000, motse o le fa gare. Mafulo a bone a metse e nne a a kana.

6Metse e lo tshwanetseng go e naya Balefi ke e: Ke metse e merataro ya botshabelo e lo e ntshang gore mmolai a tshabele teng; eo lo e okeletse metse e le 42 e mengwe.

7Metse yotlhe e lo tla e nayang Balefi a e nne metse e le 48 e na le mafulo a yona.

8Fa e le metse e lo tla e ntshang mo nageng ya Baiseraele go e naya Balefi: Mo ditsong tse dikgolo lo ntshe e mentsi, mme mo ditsong tse dipotlana lo ntshe e mebotlana. A lotso longwe le longwe lo ntshetse Balefi metse mengwe ya lone ka fa bosweng jwa lone jo lo tla bo ruang.”

Metse ya botshabelo(Doit. 19:1-13; Još. 20:1-9)

9 Morena a ba a raya Moše a re:

10“Bua le Baiseraele o ba ree o re: ‘E re lo sena go tshela Joretane le go tsena mo lefatsheng la Kanana,

11lo itlhaolele metse e batshabi ba ka fitlhang go yona. A e nne metse ya botshabelo mo go lona gore mmolai a tshabele teng, yo o bolaileng motho e se ka bomo.

12Metse eo e tla nna ya botshabelo mo go lona go tshaba mmusolosi wa madi gore mmolai a se ka a bolawa a ise a eme fa pele ga phuthego go sekisiwa.

13“ ‘Fa e le metse eo e lo tla e ntshang, e nne metse e le merataro ya botshabelo.

14Metse e meraro lo e ntshe ka kwano ga Joretane; e meraro lo e ntshe kwa lefatsheng la Kanana; e nne metse ya botshabelo.

15Metse e merataro eo e tla nna ya botshabelo jwa Baiseraele le jwa baeng le jwa ba ba jakang mo gare ga lona gore mongwe le mongwe yo o bolaileng motho e se ka bomo a tshabele teng.

16“ ‘Mme fa a mo iteile ka selo sa tshipi, mo a bileng a swa, ene ke mmolai wa ka bomo; mmolai yoo o tshwanetse go bolawa.

17Gongwe fa a tsere lentswe le le ka bolayang motho, a mo konopa ka lone, mo a bileng a swa, ene ke mmolai; mmolai yoo o tshwanetse go bolawa.

18Gongwe fa a tsere selo sa logong se se ka bolayang motho, a mo itaya ka sona, mo a bileng a swa, ene ke mmolai; mmolai yoo o tshwanetse go bolawa.

19Mmusolosi wa madi ke ene yo o tshwanetseng go bolaya mmolai; a e re a kgatlhana nae, a mmolae.

20“ ‘Gongwe fa a mo kgarametsa ka letlhoo gongwe a mo konopa ka bolotsana, mo a bileng a swa;

21gongwe a mo itaya ka kilo ka letsogo la gagwe, mo a bileng a swa, gona yo o mo iteileng o tshwanetse go bolawa; ke mmolai. A mmusolosi wa madi a bolae mmolai yoo, fa a kgatlhana nae.

22“ ‘Mme fa a mo kgarameditse ka tshoganyetso, e se ka kilo, gongwe a konopile sengwe mo go ene e se ka maano,

23gongwe a digela lentswe mo go ene le motho a ka swang ka lone, a sa mmone, mo a bileng a swa, fela ene e ne e se mmaba wa gagwe, mme a se ka a rata go mo direla bosula,

24foo a phuthego e atlhole gare ga moitei le mmusolosi wa madi ka fa melaong eo.

25A phuthego e pholose mmolai yo o ntseng jalo mo diatleng tsa mmusolosi wa madi; phuthego e be e mmusetse kwa motseng wa ga gabo wa botshabelo kwa o neng a tshabetse teng, a nne mo go ona go ya losong lwa moperesiti yo mogolo yo o tloditsweng ka lookwane lo lo boitshepo.

26Fela fa mmolai a ka tlola molelwane wa naga ya motse wa ga gabo wa botshabelo kwa o neng a tshabetse teng,

27mme mmusolosi wa madi a kgatlhana nae ka kwa ntle ga molelwane wa naga ya motse wa ga gabo wa botshabelo, mme mmusolosi wa madi a bolaya mmolai yoo, gona ga a na molato wa polao.

28Gonne o ne a tshwanetse a bo a ntse mo motseng wa ga gabo wa botshabelo go ya losong lwa moperesiti yo mogolo; mme morago ga loso lwa moperesiti yo mogolo mmolai o ka boela kwa nageng ya boswa jwa gagwe.

29A tseo e nne molao wa lona wa go atlhola ka metlha yotlhe gongwe le gongwe kwa lo nnang teng.

30“ ‘Fa mongwe a bolaya motho, a mmolai wa ka bomo a bolawe ka fa tshupong ya basupi, mme mosupi a le mongwe fela ga a lekane gore motho a atlholelwe loso.

31Lo se ka lwa amogela madi a kgololo a botshelo jwa mmolai yo o tshwanetsweng ke loso. Gonne o tshwanetse go bolawa.

32Le gona lo se ka lwa amogela madi a kgololo a yo o tshabetseng kwa motseng wa gagwe wa botshabelo gore a tle a boele gae, go nna mo nageng ya gagwe, fa moperesiti yo mogolo a sa ntse a tshela.

33Lo se ka lwa itshepolola lefatshe le lo leng mo go lone; gonne madi a a tshololwang a itshepolola lefatshe; mme lefatshe ga le na go direlwa thuanyo ya madi a a tsholotsweng mo go lone fa e se ka madi a yo o a tsholotseng.

34Lo se ka lwa itshekolola lefatshe le lo agileng mo go lone, ka ke nna mo go lone; gonne nna Morena ke nna mo gare ga Baiseraele.’ ”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help