DILELO TSA GA JEREMIA 2 - Setswana 1970(TSW70)

Go senya Jerusalema ke tiro ya bogale jwa Morena

1Ijoo! Morena o ne a khurumetsa

morwadia Sione ka leru

la bogale jwa gagwe.

Kgalalelo ya Baiseraele

o e folositse kwa legodimong,

a e latlhela fatshe;

a sa gakologelwe sebeo

sa dinao tsa gagwe

ka letsatsi la bogale jwa gagwe.

2Meago yotlhe ya Jakobe,

Morena o e sentse,

a se ka a e rekegela.

Dikago tsa phemelo

tsa morwadia Juta a di rutla

ka bogale jwa gagwe.

Bogosi jwa gagwe le dikgosana

tsa gagwe a di digela fa fatshe

le go di tlhapatsa.

3Lonaka longwe le longwe

lwa Baiseraele o lo kgaotse

ka bogale jo bo tukang;

letsogo le le jang la gagwe

a le gonyetsa;

mmaba a tla, a senya mo Jakobe

jaaka kgabo ya molelo

o o nyeletsang tikologong ya ona.

4A gagamatsa bora jwa gagwe

jaaka mmaba,

a re ke hula jaaka sera

ka letsogo le le jang;

a bolaya tsotlhe tse dintle

go lejwa,

a goromeletsa bogale jwa gagwe

jaaka molelo mo tenteng

ya morwadia Sione.

5Morena o ne a tshwana

le mmaba,

a metsa Iseraele,

a mo senyetsa matlo otlhe

a borena,

dikago tsa phemelo tsa gagwe

a di senya.

Mo go morwadia Juta

a ntsifatsa go lela le go goa.

6A ithutlela moago

jaaka logora lwa tshimo,

a itshenyetsa felo ga meletlo;

malatsi a meletlo le Sabata,

Morena a a lebatsa mo Sione;

kgosi le moperesiti,

a ba latlha a gaketse

bogaleng jwa gagwe.

7Morena o latlhile aletare

ya gagwe,

a nyatsa Ntlo e e Boitshepo

ya gagwe;

dipota tsa matlo a borena

a Sione

a di neela diatleng tsa baba

ba ba neng ba tlhodia

mo Ntlong ya Morena

jaaka ka letsatsi la moletlo.

8 Morena o dirafaditse maikaelelo

a gagwe ka go senya lobota

lwa morwadia Sione;

mogala o o lekanyang

a o gagamatsa,

a sa thibele letsogo la gagwe

go nyeletsa;

kago ya batlhodi le lobota

a di lelisa,

tsa hutsafala mmogo.

9Dikgoro tsa Sione

di rorometse leroleng;

o sentse phemelo ya gagwe,

a e thubaganya;

kgosi ya gagwe le dikgosana

tsa gagwe di kwa ditšhabeng,

kwa thuto e seng teng.

Le baporofeti ba gagwe

ga ba bone pono epe

e e tswang mo Moreneng.

10Bagolo ba morwadia Sione

ba ntse fa fatshe mo tidimalong;

ba itshetse lorole mo ditlhogong,

ba apere dikgetse tsa boikwatlhao.

Makgarebe a Jerusalema a obetse

ditlhogo tsa ona fa fatshe.

11Matlho a me a thibilwe

ke dikeledi,

mo teng ga me go a huduega.

Ke phatlogile pelo

ka ntlha ya go thubakanngwa

ga morwadia morafe wa me;

le ka go timelela ga bana

le masea

mo dipatlelong tsa motse.

12Ba lelela mo go bommaabo

ba re:

“Bogobe bo kae le dino di kae?”

fa ba idibala jaaka

ba ba khutlegileng lwa go swa

mo dipatlelong tsa motse;

fa ba ntsha dilelo tsa bone

mo dihubeng tsa bommaabo.

13Nka go supetsa eng?

Nka go tshwantshanya le eng,

wena morwadia Jerusalema?

Nka go bapisa le eng,

fa ke re ke a go gomotsa,

wena lekgarebe,

morwadia Sione?

Gonne tatlhego ya gago

e kana ka lewatle.

Yo o ka go fodisang ke mang?

14Baporofeti ba gago

ba go rutile maaka a boithamako;

ba sa go supetse maleo a gago

le e seng go faposa

botshwaro jwa gago;

ba go rerela ditaelo tsa Modimo

tse e seng tsona,

mme e le tse di isang

mo tatlhegong.

15Botlhe ba ba fetang mo tseleng

ba opa diatla ka ntlha ya gago;

ba letsa melodi,

ba thikhitha ditlhogo,

ba sotla morwadia Jerusalema

ba re:

“A ke ona motse o ba reng:

‘O montlentle thata,

ke boitumelo jwa lefatshe

lotlhe’?”

16Baba botlhe ba gago

ba go atlhamela boikgantshong;

ba a sotla, ba phuranya meno

ba re:

“Re mo nyeleditse!

Kana ke lone letsatsi

le re neng re le tlhologeletswe,

ke leo, re le fitlhetse,

ra le bona.”

17 Morena o dirile

tse o neng a di akantse,

a dirafatsa tse a neng a di buile,

tse a di laotseng

go tswa metlheng ya kgale:

A rutla, a sa rekegele;

a thabisa baba bakeng la gago,

a godisa lonaka

lwa ba ba go tlhoileng.

18Tlhatlosa lentswe,

tlhaeleletsa Moreneng,

wena lekgarebe, morwadia Sione!

A matlho a gago a ele dikeledi

jaaka nokana

bosigo le motshegare!

Se iphe boikhutso,

a thaka ya leitlho la gago

e se ka ya khutla!

19Tsoga o goe bosigo,

ka tshimologo ya ditiso

tsa bosigo!

Tsholola tsa pelo ya gago

jaaka metsi fa pele ga Morena!

Tsholeletsa diatla kwa go ene

ka ntlha ya bophelo jwa bana

ba gago

ba ba tsibikelang ka tlala

mo dikhutlong tsa mebila tsotlhe.

20Leba, Morena, o bone!

Ke bomang

ba o kileng wa ba direla jaana?

A basadi ba ka ja maungo

a mebele ya bone,

e leng bana ba bannye

ba ba farwang?

A go ka bolawa baperesiti

le baporofeti mo felong

ga boitshepo ga Morena?

21Ba namaletse fatshe mebileng

basimane le banna bagolo.

Makgarebe a me le makau a me

a ole ka tšhaka.

O ba bolaile ka letsatsi la bogale

jwa gago, wa ba tlhaba,

o sa ba tlhomogele pelo.

22E kete o ba bileditse moletlong

ba metsana e mengwe

mo tikologong ya me.

Mme ya re ka letsatsi la bogale

jwa Morena

ga tlhokwa yo o falolang

le yo o phologang.

Ba ke ba farileng, ka ba godisa,

mmaba wa me o ba nyeleditse.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help