1Mme Salomo a nyalela Farao, kgosi ya Egepeto; a tsaya morwadia Farao, a mo tlisa mo motseng wa ga Dafita, a nna teng go ya a be a fetse go aga ntlo ya gagwe le Ntlo ya Morena le lobota mo tikologong ya Jerusalema.
2Fela morafe o ne o ntse o dira ditlhabelo mo dithoteng tsa tlhabelo; gonne pele ga foo go ne go ise go agelwe leina la Morena ntlo.
3Mme Salomo o ne a rata Morena ka go sepela ka fa melaong ya ga Dafita rraagwe. Fela a fapoga ka go dira ditlhabelo, a tshuba maswalo mo dithoteng tsa tlhabelo.
4Kgosi e kile ya ya kwa Gibeone go dira ditlhabelo teng; gonne thota ya teng e ne e tumile go feta tsotlhe. Salomo a dira ditlhabelo tsa phiso di le sekete mo aletareng ya teng.
5Kwa Gibeone Morena a iponatsa mo go Salomo ka toro bosigo, mme Modimo wa re: “Ikopele sengwe mo go nna.”
6Salomo a re: “O diretse rre Dafita motlhanka wa gago ka bopelotlhomogi jo bogolo fela jaaka a ne a sepela fa pele ga gago ka boikanyo le tshiamo le ka pelo e e nang nao e tlhamaletse. O bile o mmoloketse bopelotlhomogi jo bogolo joo, wa mo naya morwa yo o ntseng mo sedulong sa gagwe sa bogosi jaaka go ntse kajeno.
7Mme jaanong Morena, Modimo wa me, motlhanka wa gago o mo dirile kgosi mo boemong jwa ga Dafita rre. Mme nna ke lekawana fela. Ga ke ise ke itse go tswa le go tsena.
8E bile motlhanka wa gago o mo gare ga morafe wa gago o ò o itlhophetseng, e le morafe o mogolo o o sa ka keng wa balwa le e seng go kwalwa ka ntlha ya bontsi.
9Ka moo naya motlhanka wa gago pelo e e reetsang gore a itse go atlhola morafe wa gago le go farologanya tse di molemo le tse di bosula. Gonne ke mang yo o ka kgonang go busa morafe wa gago o o kanakana?”
10Kopo eo e ne ya kgatlha Morena, fa Salomo a kopa se se ntseng jalo.
11Modimo wa mo raya wa re: “E re ka o kopile se se ntseng jaana, mme o sa ikopela bophelo jo boleele le e seng go ikopela khumo le e seng loso lwa baba ba gago, mme o ikopetse tlhaloganyo go ka utlwa ditsheko,
12ka moo ke dira ka fa mafokong a gago, ke go naya pelo e e botlhale e e tlhaloganyang. Ga go ise go ke go nne ope yo o tshwanang nao pele ga gago. Le gona ga go kitla go tsoga ope yo o tshwanang nao sehularong sa gago.
13Le tse o sa di kopang ke a di go naya, e bong khumo le tlotlo gore go se nne ope mo dikgosing yo o lekanang nao bophelong jotlhe jwa gago.
14Mme fa o sepela mo ditseleng tsa me ka go tshegetsa melao ya me le ditaolo tsa me jaaka go sepetse Dafita rraago, foo ke tla ntsifatsa malatsi a gago.”
15Jaanong ya re Salomo a thanya, a fitlhela e le toro. Morago ga moo a ya kwa Jerusalema, a ema fa pele ga Letlole la Kgolagano ya Morena, a dira ditlhabelo tsa phiso le tsa tebogo, a ba a direla batlhanka botlhe ba gagwe moletlo.
Salomo o atlhola kgang e e thata16Ka sebaka seo ga tla basadi ba babedi ba diaka kwa kgosing, ba ema fa pele ga yona.
17Ga bua mosadi mongwe a re: “Ka thapelo, morena wa me! Nna le mosadi yo re nna mo ntlong e le nngwe, mme ka belega fa go ene mo ntlong.
18Mme e rile ka letsatsi la boraro ke sena go belega, le mosadi yo a belega, rona re le mmogo re se na le ope mo ntlong, re le babedi fela.
19Mme morwa mosadi yo a swa bosigo, gonne o ne a mo letse godimo.
20Jaanong a tsoga gare ga bosigo, a utswa morwaake mo lotlhakoreng lwa me, lelata la gago le thulametse, a mo robatsa mo sehubeng sa gagwe; a ba a baya morwawe yo o suleng mo sehubeng sa me.
21Jaanong ya re ke tsoga mo mosong go amusa morwaake ka fitlhela a sule; fela ya re bo sena go sa, ka mo sekaseka, ka fitlhela e se ene yo ke mmelegeng.”
22Mme mosadi yo mongwe a re: “Nnyaya! Yo o phelang ke morwaake, wa gago ke yo o suleng.” Mme yo mongwe a re: “Nnyaya! Ke morwao yo o suleng, wa me ke yo o phelang.” Ba ganetsanya jalo fa pele ga kgosi.
23Mme kgosi ya re: “Yona a re: ‘Morwaake ke ene yo o phelang, wa gago ke yo o suleng.’ Yona a re: ‘Nnyaya, morwao ke yo o suleng, yo o phelang ke wa me.’ ”
24Jaanong kgosi ya re: “Ntlisetseng tšhaka!” Ba tlisetsa kgosi tšhaka.
25Jaanong kgosi ya re: “Fatolang ngwana yo o phelang, e nne mefama e mebedi, lo nee mongwe bontlhanngwe le yo mongwe bontlhanngwe.”
26Ke fa mosadi yo ngwana yo o phelang e leng wa gagwe a raya kgosi, gonne o ne a utlwela morwawe botlhoko, a re: “Ka thapelo, mongwaka, nayang yole ngwana yo o phelang, mme se mmolaeng ka gope.” Mme yole a re: “A e se nne wa me le e seng wa gago. Mo fatoleng.”
27Ke fa kgosi e atlhola e re: “Nayang yona ngwana yo o phelang, se mmolaeng. Ke ene mmaagwe.”
28E rile Baiseraele botlhe ba utlwela katlholo e kgosi e e atlhotseng, ba boifa kgosi; gonne ba lemoga, fa botlhale jwa Modimo bo le mo teng ga gagwe go ka atlhola ka tshiamo.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.