DIPESALEME 104 - Setswana 1970(TSW70)

Go baka Modimo ka ditiro tsa tlholego

1Baka Morena, mowa wa me!

Morena, Modimo wa me,

o mogolo thata;

o apere kgalalelo le borena.

2O ikapesa lesedi jaaka kobo,

o phutholola legodimo

jaaka lesela la tente.

3O aga maago a gago a bogodimo

mo metsing,

o ntsha maru koloi ya gago,

o tsamaya ka diphuka tsa phefo.

4O dira diphefo barongwi ba gago

le dikgabo tsa molelo

badiredi ba gago.

5O beile lefatshe

mo metheong ya lone

gore le se ka la tshikinyega

ka motlha ope go ya bosakhutleng.

6O no o le khurumeditse

ka morwalela jaaka ka seaparo,

metsi a ne a eme

godimo ga dithaba,

7a tshaba kgalemo ya gago,

a thibogela lentswe la tumo

ya maru ya gago.

8Dithaba tsa tlhatloga,

mekgatsha ya itshetlela;

metsi a ya kwa felong

fa o a laoletseng gona.

9O beile molelwane

o a sa ka keng a o tlola

gore a se boe

a khurumetsa lefatshe gape.

10O eledisa metsi a metswedi

mo melapong,

a ba a ela fa gare ga dithaba.

11A nowa ke diphologolo tsotlhe

tsa naga,

dipitse tsa naga di itima lenyora.

12Dinonyane tsa legodimo

di agile godimo ga ona,

di letsa melodi mo dikaleng.

13O nosa dithaba metsi a a tswang

maagong a bogodimo a gago;

lefatshe le kgora maungo

a ditiro tsa gago.

14O tlhogisetsa dikgomo bojang,

le motho dimela go mo thusa

le go ntsha dijo mo lefatsheng,

15le weine

go itumedisa pelo ya motho,

le lookwane

go phatsimisa sefatlhego,

le senkgwe go tiisa pelo ya motho.

16Ditlhare tsa Morena di a kgora,

le mesetere ya Lebanone

e o e tlhomileng,

17mo dinonyane

di agang dintlhaga teng;

le lekololwana sentlhaga sa lone

se mo ditlhareng tsa mesiperese.

18Dithaba tse dikgolo

ke botshabelo jwa diphele;

jwa dipela ke mafika.

19O dirile ngwedi

gore o supe dipaka;

letsatsi le itse go phirima ga lone.

20Fa o tsisa lefifi, go nna bosigo,

diphedi tsotlhe tsa sekgwa

di tsamaya mo go jona.

21Ditawana di dumela

se di ka se bolayang,

di batla dijo tsa tsona

mo Modimong.

22Fa letsatsi le tlhaba, di a boa,

di ye go botha

mo dikutleng tsa tsona.

23Motho a tswele kwa tirong

ya gagwe

le kwa matsapeng a gagwe

go ya maitsiboeng.

24Ditiro tsa gago, Morena,

kana di methalethale jang!

O dirile tsotlhe ka botlhale;

lefatshe le tletse ditlhodiwa

tsa gago.

25Fa e le lewatle le legolo,

le atlhametse ntlheng tsotlhe;

go saila diphedi mo go lone

tse di se nang palo,

diphedi tse dinnye le tse dikgolo.

26Mekoro e tsamaya teng,

le leruarua le o le bopileng

gore le tshameke mo go lone.

27Tsotlhe di lebeletse wena

gore o di fe dijo tsa tsona

ka nako ya teng.

28Fa o di fa, di a sela;

fa o huporolola seatla,

di kgora tse di molemo;

29fa o bipa sefatlhego, di a tshoga;

fa o tlosa mewa ya tsona, di a swa,

di boela loroleng lwa tsona;

30fa o roma mowa wa gago,

di a tlholega;

o tlhabolola sefatlhego sa lefatshe.

31A kgalalelo ya Morena

e nnele ruri;

a Morena a itumelele

ditiro tsa gagwe,

32ene yo e a reng a leba lefatshe,

le rorome;

e re a ama dithaba, di kue musi.

33Ke tla opelela Morena

fa ke sa phedile;

ke tla baka Modimo wa me

ke sa le yo.

34A dikakanyo tsa me di o natefele;

nna ke tla itumela mo go Morena.

35A baleofi ba nyelediwe

mo lefatsheng;

a baikepi ba se tlhole ba nna teng.

Mowa wa me, baka Morena.

Haleluya!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help