JOBE 5 - Setswana 1970(TSW70)

1“Goelela he! Re bone

fa go na le yo o tla go arabang?

O ka retologela kwa go ofe

wa Baitshepi?

2Kana lesilo le bolawa

ke go ngala;

seeleele se swa ka lefufa la sona.

3Ke bonye lesilo le nama medi,

ka tlhoboga lelapa la lone

ka tshoganyetso.

4Bana ba lone ba se na lesego,

ba gatelelwa mo lekgotleng

ba se na mothusi.

5Tse ba di kotutseng

di jewa ke yo o tlala,

ee, di ntshiwa

mo gare ga dikgora.

Tatlhego e metsa

khumo ya bone.

6Gonne tatlhego

ga e tswe leroleng,

pogisego ga e tlhoge fa fatshe.

7Nnyaa, ke motho

yo o itsalelang pogisego

jaaka ditlhase di fofela

kwa godimo

di tswa mo molelong.

8Mme nna nka bo ke batla thuso

mo Modimong;

nka bo ke begela Modimo

kgang ya me;

9ona Modiri wa tse dikgolo

tse di se nang tlhotlhomiso;

wa tse di gakgamatsang

tse di se nang palo:

10O o nesang pula mo fatsheng,

o nosa dinaga ka metsi

11gore o godise ba babotlana thata,

mme ba ba hutsafalang,

ba bone pholoso e kgolo;

12o o senyang maano a balotsana,

gore diatla tsa bone

di se ka tsa kgona sepe;

13o o tshwarang batlhalefi

ba ba boferefere

gore maikaelelo a ba kgopo

a senngwe ke bobebe jwa bone

14gore ba kgatlhane le lefifi

bo ntse bo sele,

ba apaape motshegare

jaaka bosigo.

15Mme o pholosa mohumanegi

mo tšhakeng

e e tswang mo melomong

ya bone

le mo diatleng tsa yo o thata;

16ka moo yo mmotlana

o ka bona tsholofelo,

mme bokgopo

bo tla ithiba molomo.

17Itse he: Go sego motho

yo Modimo o mo kgalemelang!

Ka moo se nyatse kotlo

ya Mong-wa-thata-yotlhe!

18Gonne o a tle o tlhokofatse,

mme o be o fape;

o a tle o ntshe dintho,

mme diatla tsa ona

di be di fodise.

19O tla go pholosa mo ditlalelong

tse thataro,

ee, mo go tse supa

ga go na botlhoko bope

jo bo ka go amang:

20O tla go golola mo losong

o le mo tlaleng

le mo thateng ya tšhaka

o le mo ntweng.

21Fa diteme di tlhaba,

o tla bo o sireleditswe;

ga o na go boifa

fa tshenyo ya ntwa e tla.

22O tla tshega kgatelelo le ditlala,

o sa ka ke wa boifa

dibata tsa lefatshe.

23Gonne o na le kgolagano

le matlapa a masimo;

le dibata tsa dinaga

di tla agisanya nao.

24O tla fitlhela lapa la gago

le le kagisong;

fa o tlhola naga ya gago

ga o nke o tlhoka sepe.

25O tla bona bana ba gago

ba ntsifala

le ditlogolwana tsa gago

di ata jaaka ditlhogi tsa naga.

26O tla tsena mo lebitleng

o na le botsofe jo bo tletseng

jaaka fa mabele

a robiwa a budule.

27Bona, ke tse re di lemogileng.

Di ntse jalo.

Mme wena, o di utlwe,

o di ele tlhoko!”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help