2 DITIRAFALO 26 - Setswana 1970(TSW70)

Kgosi Usia wa Juta(2 Dikg. 14:21,22; 15:1-17)

1Jaanong morafe otlhe wa Juta wa tsaya Usia, a le dinyaga di le 16, wa mo dira kgosi mo boemong jwa ga Amasia rraagwe.

2Ene a agelela Elothe, a mmusetsa go Juta, jale fa kgosi rraagwe e sena go robala le borraa-yona.

3Usia o ne a le dinyaga di le 16 fa a nna kgosi, a busa dinyaga di le 52 kwa Jerusalema; leina la ga mmaagwe e le Jegolea wa Jerusalema.

4A dira tse di siameng mo matlhong a Morena fela jaaka go ne ga dira Amasia rraagwe.

5A ineela Modimo ka malatsi a ga Sagaria yo o neng a mo ruta go boifa Modimo; mme malatsing ao, fa a ntse a ineela Morena, Modimo wa mo naya letlhogonolo.

6A bolola a tlhabana le Bafelesita, a diga lobota lwa Gathe le lwa Jabene le lwa Ašetote; a ba a aga metse ntlheng ya Ašetote le mo nageng yotlhe ya Bafelesita.

7Modimo wa mo thusa go fenya Bafelesita le go fenya Baarabia ba ba neng ba agile kwa Gure-Baale le Bameuni.

8Le Baamone ba ntshetsa Usia lekgetho, mme leina la gagwe la tuma go fitlha kwa Egepeto, ka a ne a tiela pele.

9A ba a aga dinaka tsa phemelo mo Jerusalema fa Kgorong ya Sekhutlo le fa Kgorong ya Molapo le fa Sekhutlong, a di tiisa.

10A ba a aga difata tsa go disa kwa nageng ya mafulo, a epa mekwele e mentsi; gonne o ne a na le diruiwa tse dintsi mo nageng e e kwa tlase le mo leboeng le balemi ba masimo le ba masimo a meweine kwa dithabeng le kwa motseng wa Karemele, ka a rata tiro ya masimo.

11Le gona Usia o ne a na le mephato ya batlhabani ba ba ka bololang ntwa, e le ditlhopha ka fa palong e Jehiele mokwaledi le Maaseya mookamedi ba e badileng, ba le mo taolong ya ga Hananya mongwe wa balaodi ba kgosi.

12Palo yotlhe ya beng ba dikgoro mo gare ga bagale ba mephato e ne e le 2 600.

13Ke bone ba ba neng ba laola mephato ya batlhabani ba le 307 500, ba ba ka bololang ntwa ka thata e kgolo go thusa kgosi ka go lwa le mmaba.

14Bone Usia a ba direla dithebe le marumo le difutshe tsa tshipi le diaparo tsa phemelo tsa tshipi le mara le majwe a diragamajwe, tsa neelwa batlhabani botlhe.

15A ba a dira didiri tsa ntwa tsa go konopa kwa Jerusalema e le ka temogo ya setswerere, tsa bewa mo dinakeng tsa phemelo le mo dikhutlong tsa lobota go hula metswi le majwe a magolo ka tsona. Leina la gagwe la tuma kwa kgakala, ka a thusiwa mo go gakgamatsang, ga tsamaya a tia thata.

Usia o belediwa boikgogomoso jwa gagwe

16Fela ya re a nna thata, pelo ya gagwe ya ikgogomosa, a ba a senya, a direla Morena, Modimo wa gagwe, ka boikanyologo, a tsena mo Tempeleng ya Morena go tshuba maswalo mo aletareng ya maswalo.

17Mme Asaria moperesiti yo mogolo a tsena a mo setse morago, a na le baperesiti ba Morena ba le 80 ba ba sa tshabeng motho,

18ba emelana le kgosi Usia ba mo raya ba re: “Usia, ga se tshwanelo ya gago go tshubela Morena maswalo, mme ke ya baperesiti bomorwa Arone ba ba itshepisitsweng go a tshuba. Tswaya mo Felong ga Boitshepo, gonne o dirile ka boikanyologo, wa itlotlolola fa pele ga Morena, Modimo.”

19Ke fa Usia a galefa a ntse a tshotse leiswana la go tshuba maswalo; mme ya re a ntse a galefetse baperesiti, a duwa ke lepero mo phatleng a le fa pele ga baperesiti mo Ntlong ya Morena fa thoko ga aletare ya maswalo.

20Jaanong ya re Asaria moperesiti yo mogolo le baperesiti botlhe ba mo leba, ba fitlhela a dulwe ke lepero mo phatleng. Ke fa ba mo ntsha gona ka pele, mme le ene ka esi a itlhaganela go tswa, ka Morena a mo iteile.

21Go tloga foo kgosi Usia e ne e le molepero go ya letsatsing la loso lwa gagwe, a nna mo ntlong e e kwa thoko e le molepero; gonne o ne a kgaotswe mo Ntlong ya Morena. Mme Jothame morwawe a tshwarelela kgosi, a busa batho ba lefatshe.

22Ditirafalo tse dingwe tsa ga Usia tsa pele le tsa morago di kwadilwe ke Jesaya moporofeti morwa Amotse.

23Mme Usia a robala le borraagwe, a fitlhwa fa go borraagwe mo nageng ya mabitla a dikgosi; gonne ba ne ba re: “Ke molepero.” Mme Jothame morwawe a nna kgosi mo boemong jwa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help