DIPESALEME 29 - Setswana 1970(TSW70)

Kgalalelo ya Modimo, fa maru a duma

1Pesalome ya ga Dafita.

Nayang Morena,

lona bomorwa Modimo,

nayang Morena tlotlo le thata.

2Nayang Morena tlotlo

e e tshwanetseng leina la gagwe;

obamelang Morena

lo kgabile ka tse di boitshepo.

3Lentswe la Morena

le mo godimo ga metsi;

Modimo wa kgalalelo

o dumisa maru.

Morena o okame metsi a magolo.

4Lentswe la Morena le thata,

lentswe la Morena le a galalela.

5Lentswe la Morena

le robaganya ditlhare tsa mesetere.

Ee, Morena o robaganya

mesetere ya Lebanone.

6O karagantsha Lebanone

jaaka namane

le Sirione jaaka poana ya nare.

7Lentswe la Morena le a ratha,

le ntshe kgabo ya molelo.

8Lentswe la Morena le roromisa

sekaka;

Morena o roromisa sekaka

sa Kateše.

9Lentswe la Morena

le tsadisa ditshephe,

le fotlhe dikgwa,

mme mo Tempeleng ya gagwe

dilo tsotlhe di bua di re:

“Kgalalelo!”

10 Morena o kile a okama

Morwalela wa metsi,

Morena o bile o ntse a dutse jalo

e le kgosi ya bosakhutleng.

11 Morena o tla naya batho ba gagwe

thata,

Morena o tla tshegofatsa

batho ba gagwe ka kagiso.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help