DIPESALEME 135 - Setswana 1970(TSW70)

Pako ya Morena

, Modimo o o leng boammaaruri o le osi

1Haleluya!

Bakang leina la Morena,

bakang, lona batlhanka

ba Morena!

2Lona ba lo emeng

mo Ntlong ya Morena,

mo malapeng a Ntlo ya Modimo

wa rona,

3bakang Morena,

gonne Morena o molemo;

opelelang leina la gagwe pako;

gonne le a kgatlha.

4Gonne Morena

o itlhophetse Jakobe,

e bong Iseraele go nna wa gagwe.

5Ruri nna ke a itse,

fa Morena a le mogolo;

Morena wa rona

o feta medimo yotlhe.

6Sengwe le sengwe se Morena

o se ratang

o se dira mo legodimong

le mo lefatsheng

le mo mawatleng

le mo mafelong otlhe a a boteng.

7Ke ene yo o tlhatlosang meuwane

go tswa kwa dikhutlong tsa lefatshe,

a direla pula dikgadima,

a ntsha phefo mo dipolokelong

tsa gagwe.

8Ke ene yo o iteileng maitibolo

a Egepeto,

a batho le a dikgomo;

9a go romela ditshupo

le dikgakgamatso, wena Egepeto,

a betsa Farao le batlhanka botlhe

ba gagwe.

10Ke ene yo o fentseng ditšhaba

tse dintsi,

a bolaya dikgosi tse di thata,

11e bong Sihone, kgosi ya Baamori,

le Oge, kgosi ya Basane,

le magosi otlhe a Kanana.

12A aba lefatshe la bona

go nna boswa,

boswa jwa Baiseraele,

morafe wa gagwe.

13 Morena, leina la gago

ke le le sa khutleng;

Morena, o tla nna o gopolwa

mo losikeng longwe le longwe.

14Gonne Morena o tla siamisetsa

morafe wa gagwe,

a utlwela batlhanka ba gagwe

botlhoko.

15Medimo ya diseto ya Baditšhaba

ke selefera le gouta,

ke tiro ya diatla tsa batho.

16E na le melomo, mme ga e bue;

e na le matlho, mme ga e bone;

17e na le ditsebe, mme ga e utlwe;

mme le gona ga go na mowa

mo melomong ya yona.

18Badiri ba yona ba tla tshwana nayo

le botlhe ba ba e ikanyang.

19Lona Baiseraele, bakang Morena;

lona boora Arone, bakang Morena!

20Lona Balefi, bakang Morena;

lona ba lo boifang Morena,

bakang Morena!

21A go bakwe Morena

go tswa mo Sione,

ena yo o agileng mo Jerusalema.

Haleluya!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help