GENESI 4 - Setswana 1970(TSW70)

Kaine le Abele

1Atame o ne a itse Efa, mosadi wa gagwe; ke fa a nna moimana, a belega Kaine a re: “Ke bonye monna ka thuso ya Morena.”

2A boela a belega Abele monnawe. Abele a nna modisa wa dinku, Kaine a nna molemi wa masimo.

3Ya re malatsi mangwe a sena go feta, Kaine a tlisa maungo a masimo, a direla Morena tshupelo.

4Abele le ene a tlisa tsa maitibolo a dinku tsa gagwe le mafura a tsona. Mme Morena a itumelela Abele le setlhabelo sa gagwe.

5Fela a se ka a itumelela Kaine le tshupelo ya gagwe. Ke fa Kaine a galefa thata, a gagabisa matlho.

6Mme Morena a botsa Kaine a re: “O galefetseng? O gagabisetsang matlho?

7A ga ke re, fa o dira sentle, o ka tsholetsa sefatlhego, mme fa o sa dire sentle, boleo bo lalela fa mojako, bo go tlhologeletswe, mme wena o bo laole.”

8Mme Kaine a bua le Abele monnawe; ya re ba le kwa nageng, Kaine a tsogela Abele monnawe, a mmolaya.

9Ke fa Morena a botsa Kaine a re: “Abele monnao o kae?” Ene a re: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?”

10Mme Morena a re: “O dirileng? Lentswe la madi a ga monnao le ntlhaeletsa, le tswa mo mmung.

11Jaanong o hutsitswe, o lelekilwe mo nageng e e atlhamolotseng legano go amogela madi a ga monnao a a tsholotsweng ke diatla tsa gago.

12Fa o lema masimo, ga a kitla a tlhola a go ntshetsa dijo ka fa nonofong ya ona; o tla nna mofaladi le motshabi mo lefatsheng.”

13Ke fa Kaine a raya Morena a re: “Molato wa me o mogolo go feta o o ka itshwarelwang.

14Bona, kajeno o nteleka mo nageng e; ke tla iphitlha, ke tshaba sefatlhego sa gago; ke tla nna mofaladi le motshabi mo lefatsheng. Mongwe le mongwe yo o mponang o tla mpolaya.”

15Mme Morena a mo raya a re: “Nnyaya, mongwe le mongwe yo o go bolayang, Kaine, o tla busolosiwa gasupa.” Morena a ba a baya lotshwao mo go Kaine gore a se ka a bolawa ke ope yo o mmonang.

16Ke fa Kaine a tloga fa pele ga sefatlhego sa Morena, a ya go nna kwa lefatsheng la Note mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Etene.

Losika lwa ga Kaine

17Kaine o ne a itse mosadi wa gagwe a nna moimana, a belega Henoge; a ba a aga motse, a o taya leina la Henoge, a o teelela morwawe.

18Henoge a belegelwa Irate; Irate a tsala Mehuyaele; Mehuyaele a tsala Methusaele; Methusaele a tsala Lamege.

19Lamege a tsaya basadi ba le babedi; leina la mongwe e le Ata, leina la yo mongwe e le Sila.

20Ata a belega Jabale; ke ene rraabone ba ba neng ba nna mo ditenteng, e le barui ba dikgomo.

21Leina la ga monnawe ke Jubale; ke ene rraabone botlhe ba be neng ba letsa dirankure le ditlhaka.

22Sila le ene a belega, a tshola Thubale-Kaine; a nna mothudi wa dilo tsa mefutafuta tsa kgotlho le tsa tshipi. Kgaitsadia Thubale-Kaine e ne e le Naama.

23Lamege o ne a raya basadi ba gagwe a re:

“Ata le Sila,

utlwang lentswe la me;

lona basadi ba ga Lamege,

reetsang mafoko a me:

Ruri, ke tla bolaya monna

yo o ka nntshang ntho,

le lekau le le ka nkhutlang.

24Gonne Kaine

o tla busolosiwa gasupa,

mme Lamege ene ga masome

a a supang le bosupa.”

Sethe le Enose

25Atame a ba a itse mosadi wa gagwe gape; a belega morwa, a mo taya leina la Sethe. Gonne a re: “Modimo o mphile ngwana yo mongwe mo boemong jwa ga Abele yo Kaine o mmolaileng.”

26Sethe le ene a belegelwa morwa, a mo taya leina la Enose. Metlheng eo ba simolola go bitsa leina la Morena.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help