DIPESALEME 53 - Setswana 1970(TSW70)

Boikepo jwa motho(Pes. 14)

1Sefela sa thuto sa ga Dafita se se kwaletsweng moopedisi, se opelwa ka moopelo wa: “Bolwetse”.

2Lesilo le bua mo pelong ya lone le

re:

“Modimo ga o yo!”

Ba a senya, ba dira tsa bokgopo

jo bo maila;

ga go ope yo o dirang molemo.

3Modimo o lebile bana ba batho

o le mo legodimong

gore o bone fa go le mongwe

yo o batlang Modimo.

4Ba fapogile botlhe,

ba senyega mmogo;

ga go ope yo o dirang molemo,

le e seng a le mongwe fela.

5A ba ba dirang tshiamololo

ga ba na kitso,

bona ba ba metsang batho ba me

jaaka ba ja senkgwe?

Modimo ga ba o bitse.

6Foo ba tla tshoga

mo go boitshegang;

gonne Modimo

o phatlaladitse marapo

a yo o go dikanyeditseng ka ntwa.

O ba tlhabisitse ditlhong;

gonne Modimo o ba latlhile.

7E kete pholoso ya Iseraele

e ka bo e tla e e tswang mo Sione!

E ne e tla re Modimo a fetola

tatlhego ya morafe wa gagwe,

Jakobe a duduetse,

Iseraele a itumele.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help