2 BATHESALONIKA 2 - Setswana 1970(TSW70)

Go tla ga Morena go etelelwa pele ke go tla ga Moganetsa-Keresete

1Ba ga etsho, re lo rapela ka ntlha ya go tla ga Morena wa rona Jesu Keresete le ka ntlha ya go phuthegela ga rona kwa go ene

2gore lo se ka lwa akofa lwa faposiwa maikutlo le e seng go tshosiwa ke sepe, le fa e ka nna mowa gongwe lefoko gongwe lokwalo lo go ka tweng lo tswa mo go rona lwa go re letsatsi la Morena le setse le tsile.

3Lo se ka lwa tsiediwa ke ope ka mokgwa ope; gonne go tshwanetse go tla tenego pele, le motho wa boikepo a itshupe, e bong motho wa tshenyego,

4ene moganetsi yo o ikgodisetseng sengwe le sengwe se se bidiwang modimo gongwe se se obamelwang, mo o bileng a ya go dula mo Tempeleng ya Modimo, a itshupa a re, ke ene Modimo.

5A ga lo gakologelwe gore e rile ke sa ntse ke na le lona, ka lo bolelela dilo tseo?

6Mme jaanong lo itse se se mo diegisang go ya a be a senolwe mo motlheng wa gagwe;

7gonne bosaitsiweng jwa boikepo bo setse bo dira; fela yo o bo diegisang go fitlha jaanong o tshwanetse go tlosiwa pele fa gare.

8Mme ke gona foo moikepi o tla senolwang, yo Morena Jesu o tla mmolayang ka pudulo ya molomo wa gagwe, a mo nyeletsa ka ponatshego ya go tla ga gagwe,

9ene yoo go tla ga gagwe go leng ka fa tirong ya ga Satane ka thata ya mefutafuta le ka ditshupo le dikgakgamatso tsa maaka

10le ka tsietso yotlhe ya tshiamololo mo go bone ba ba latlhegang, ka ba se ka ba amogela lorato lwa go rata boammaaruri gore ba pholosiwe.

11Ke ka ntlha ya moo Modimo o ba romelang timetso e e thata gore ba tle ba dumele maaka,

12gore botlhe ba ba se kang ba dumela boammaaruri, mme ba kgatlhilwe ke tshiamololo, ba atlholwe.

13Mme rona re tshwanetse go leboga Modimo ka gale ka ntlha ya lona, bakaulengwe ba lo ratwang ke Morena, ka gonne Modimo o sa le o lo itlhaolela go tswa tshimologong gore lo pholosiwe ka go itshepisiwa ke Mowa le ka go dumela boammaaruri.

14Ke se o lo bileditseng sona ka Efangele ya rona gore lo rue kgalalelo ya Morena wa rona Jesu Keresete.

15Ka moo he, ba ga etsho, emang ka tlhomamo, lo dirise dithuto tse lo di rutilweng, e ka nna ka molomo gongwe ka lokwalo lo lo tswang go rona.

16Mme Morena wa rona Jesu Keresete ka esi le Modimo Rraetsho yo o re ratileng, a ba a re naya kgomotso e e sa khutleng le tsholofelo e e molemo ka bopelotlhomogi,

17a a gomotse dipelo tsa lona, a lo tiise mo tirong nngwe le nngwe e e siameng le lefokong lengwe le lengwe le le siameng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help