DIPESALEME 116 - Setswana 1970(TSW70)

Sefela sa go lebogela kgololo

1 Morena ke a mo rata,

gonne o utlwile lentswe

la me la mekokotlelo ya me.

2E re ka a ntshekegetse tsebe,

ke tla nna ke mmitsa ka malatsi

otlhe a me.

3Dikgole tsa loso

di ne di ntikanyeditse,

le ditlalelo tsa felo ga baswi

di ne di ntshwere,

ka fitlhela pitlagano le bohutsana.

4Mme ke ne ka bitsa

leina la Morena ka re:

“Ao, Morena, swatola botshelo jwa me!”

5 Morena o boitshwarelo le tshiamo,

Modimo wa rona

o boutlwelo-botlhoko.

6 Morena o boloka

ba ba pelo di se nang maano.

Ke ne ke koafetse, mme a nthusa.

7Mowa wa me,

boela kwa boikhutsong jwa gago;

gonne Morena

o go diretse molemo.

8Ee, o nkgolotse mo losong

le matlho a me mo dikeleding

le dinao tsa me mo go kgotšweng.

9Ke tla tsamaya fa pele

ga sefatlhego sa Morena

mo lefatsheng la baphedi.

10Ke ne ke ntse

ke dumela mo Modimong,

le fa ke ne ke re:

“Ke obegile thata.”

11Ka bua ke tshogile ka re:

“Batho botlhe ke baaki.”

12Nka lebogela Morena ka eng

ditiro tsotlhe tse di molemo

tse a di ntiretseng?

13Ke tla tsholetsa

senwelo sa phologo,

ke bitsa leina la Morena.

14Maikano a me

ke tla a dirafaletsa Morena,

ee, fa pele ga morafe otlhe

wa gagwe.

15Loso lwa baratwa ba Morena

ke selo sa botlhokwa

mo matlhong a gagwe.

16Ao, Morena,

kana ke motlhanka wa gago;

ke motlhanka wa gago,

morwa lelata la gago;

o funolotse dikgole tsa me.

17Ke tla go tsisetsa

setlhabelo sa tebogo,

ke bitsa leina la Morena.

18Maikano a me

ke tla a dirafaletsa Morena, ee,

fa pele ga morafe otlhe wa gagwe,

19mo malapeng a Ntlo ya Morena,

mo teng ga gago, Jerusalema.

Haleluya!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help