JESAYA 42 - Setswana 1970(TSW70)

Motlhanka wa Morena

1“Bonang,

motlhanka wa me ke yoo,

yo ke mo tshegetsang;

le moitlhaolelwa wa me

yo o natefelang pelo ya me.

Ke mo neile Mowa wa me.

O tla ntshetsa tshiamo

kwa merafeng.

2Ga a kitla a goa

le e seng go tsholetsa lentswe

le e seng go le utlwatsa

mo mmileng.

3Ga a kitla a roba lotlhaka

lo lo pšhwetlegileng;

ga a kitla a tima mogala

wa lobone o o takatakang,

mme o tla tlisa tshiamo ka nnete.

4Ga a nke a koafala

le e seng go lapa

go tsamaya a tlhome tshiamo

mo lefatsheng

le go tsamaya ditlhakatlhake

di lebelele thuto ya gagwe.”

5Modimo Morena

yo o tlhodileng legodimo,

a le phutholola;

yo o adileng lefatshe

le tse di tlhogang mo go lone;

yo o nayang batho

ba ba mo go lone bophelo,

ba ba tsamayang mo go lone

mowa, o bua jaana a re:

6“Nna Morena,

ke go biditse ka tshiamo,

ka tshwara seatla sa gago,

ka go boloka,

ka go dira kgolagano ya morafe

le Modimo le lesedi la merafe

7gore o budulole matlho a difofu,

o ntshe batshwarwi

mo botshwarong,

le ba ba ntseng mo lefifing

mo ntlong ya kgolegelo.

8“Ke nna Morena,

ke lone leina la me!

Mme kgalalelo ya me

ga nkitla ke e naya ope o sele,

le e seng go naya

medimo ya diseto tlotlo ya me.

9Bonang,

dilo tsa polelelopele di dirafetse!

Mme tse dintšhwa ke a di bega,

ke di lo bolelela

di ise di simologe.”

10Opelelang Morena sefela

se sešwa le tumiso ya gagwe

kwa bokhutlong jwa lefatshe,

lona ba lo tsamayang

mo lewatleng

le tse di tletseng mo go lone;

lona ditlhakatlhake

le ba ba agileng mo go tsona!

11A go kue naga le metse ya yona

le metsana e Baketare

ba agileng mo go yona;

a go duduetse

ba ba agileng mo dikgageng,

a ba tlhabe mokgosi

mo ditlhoeng tsa dithaba!

12A ba nee Morena tlotlo,

ba utlwatse pako ya gagwe

mo ditlhakatlhakeng!

13 Morena o tla bolola jaaka

mogale,

a tlhotlheletsa tlhoafalo

jaaka motlhabani.

O tla tlhaba mokgosi

wa tlhabano,

ee, o tla duma,

a fenya baba ba gagwe a re:

Modimo o solofetsa Baiseraele thuso

14“Ga ke bolo go didimala,

ke iketlile, ke itshwere.

Mme jaanong ke tla goa

jaaka mosadi yo o belegang,

ke budula ke be ke fegelwa.

15Ke tla fetola dithaba

le meboto sekaka,

ke omeletsa tsotlhe

tse di tlhogang mo go tsona;

ke tla ntsha ditlhakatlhake

mo dinokeng,

ke kgadisa megobe.

16“Ke tla goga difofu mo tseleng

e di sa e itseng,

ke di tsamaisa mo ditselaneng

tse di iseng di di gate.

Ke tla fetola lefifi lesedi

fa pele ga tsona,

le naga e e magwata lebala.

Dilo tse ke tla di dira.

Ga nkitla ke di lesa.

17Mme ba ba ikanyang

medimo ya diseto,

ba ba rayang medimo

e e bopilweng ba re:

‘Lo medimo ya rona’ –

ba tla boela kwa morago,

ba tlhajwa ke ditlhong.

Batho ba leofile, Modimo o boitshwarelo

18“Utlwang, lona disusu!

Lona difofu,

lebang kwano gore lo bone!

19Ke mang yo o foufetseng

fa e se motlhanka wa me?

Ke mang yo o thibetseng ditsebe

jaaka morongwi wa me

yo ke mo romang?

Go foufetse mang

jaaka tsala e e ikanyegang?

Ke mang yo o sesusu

jaaka motlhanka wa Morena?

20O bonye dilo tse dintsi,

mme ga o a di ela tlhoko;

o ne o sa thibala ditsebe,

mme wa se ka wa utlwa.”

21Go ne go kgatlha Morena

ka ntlha ya tshiamo ya gagwe

go godisa thuto le go e galaletsa.

22Mme jaanong ke morafe

o o thukhuthilweng,

o o thopilweng.

Ba tshwerwe botlhe

mo digopong,

ba fitlhwa mo matlong

a kgolegelo;

ba thukhuthwa

go se na yo o pholosang;

ba thopiwa go se na yo o reng:

“Tsere!”

23Ke mang mo go lona

yo o tla sekegelang dilo tseo

tsebe,

a tlhokomela,

a tlhalefela sebaka se se tlang?

24Ke mang yo o neetseng Jakobe

go thopiwa,

a neela Iseraele

mo dinokwaneng?

A ga se Morena

yo re mo leofetseng;

yo ba neng ba sa rate go sepela

mo ditseleng tsa gagwe,

yo ba ganneng go utlwa

molao wa gagwe?

25Ke ka moo o ba goromeleditseng

bogale jwa gagwe jo bo tukang

le bokete jwa ntwa,

a bo tukisa mo tikologong

ya bone,

mme ba sa lemoge sepe;

jwa ba fisa, mme dipelo tsa bona

di sa tlhokomele sepe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help