DIPESALEME 69 - Setswana 1970(TSW70)

Mmogisiwa

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa: “Madutla”.

2Modimo, nthuse!

Gonne metsi a gaufi le go mpeta.

3Ke rorometse mo lerageng

le le botengteng,

kwa go se nang boemo teng;

ke wetse mo madibeng a metsi,

morwalela o nkhurumeditse.

4Ke lapisitswe ke go lela ga me,

ke sule lentswe;

matlho a me a a fela ke ntse

ke lebeletse Modimo wa me.

5Ba ba ntlhoileng, go se na molato,

ba bantsi go feta dithiri

tsa tlhogo ya me.

Ba ba ratang go ntshenya,

ba e leng baba ba me

kwa ntle ga lebaka ba thata,

ba re, ke tshwanetse go busa

se ke sa se gapang.

6Modimo, wena o itse

bosilo jwa me,

le melato ya me ga o a e subelwa.

7A bona ba ba go lebeletseng

ba se tlhajwe ke ditlhong ka nna,

Morena,

Modimo wa masomosomo.

A bona ba ba go batlang

ba se swabe ka nna,

Modimo wa Iseraele.

8Gonne ke ka ntlha ya gago

ke rweleng nyatsego,

ditlhong di bipile

sefatlhego sa me.

9Bomorwa-rre

ke ba fetogetse moeng,

ke yo o sa itsiweng

mo baneng ba ga mme.

10Gonne go tlhoafalela Ntlo ya gago

go njele,

le dikgobo tsa bona

ba ba go kgobang di nkwetse.

11Ke ne ka ikutlwisa botlhoko

ka go itima dijo,

mme ga mphetogela ditlhong.

12Ka ikapesa kgetse ya bohutsana,

mme ka tswa seane sa tshotlo

mo go bona.

13Ba ba ntseng mo kgotleng

ba bua ka ga me,

le ba ba nwang bojalwa

ba nkopela difela.

14Mme nna, thapelo ya me

ke e lebisitse wena, Morena,

ka nako e e go kgatlhang.

Modimo, nkutlwe ka fa bogolong

jwa bopelotlhomogi jwa gago

le ka ntlha ya pholoso ya gago

e e ikanyegang.

15Ntshwatole mo lerageng

gore ke se ka ka rôrômelela ruri;

a ke gololwe

mo go ba ba ntlhoileng

le mo madibeng a metsi.

16A morwalela o se nkhurumetse,

le bodiba a bo se nkometse;

a lemena le se itswale molomo

godimo ga me.

17Nkutlwe, Morena,

gonne bopelotlhomogi jwa gago

bo molemo;

retologela go nna ka fa bogolong

jwa boutlwelo-botlhoko jwa gago.

18Mme o se ka wa fitlhela

motlhanka wa gago

sefatlhego sa gago,

gonne ke mo pitlaganong.

Akofa o nkutlwe.

19Atamela mowa wa me, o o golole;

nkgolole ka ntlha ya baba ba me.

20Wena o itse nyatsego ya me

le ditlhong tsa me

le go kgojwa ga me;

baganetsi ba me o ba itse botlhe.

21Nyatsego e mphatlotse pelo,

ka felelwa ke thata;

ke tlhologeletswe

boutlwelo-botlhoko,

mme ga bo yo, le bagomotsi,

mme ga ke ba bone.

22Ba nneile santlhokwe

go nna sejo sa me,

mme e rile ke nyorilwe,

ba nnosa motatsa.

23A bojelo jwa bona

bo nne segole fa pele ga bona,

le mutlwane

mo go ba ba sa kgathaleng sepe.

24A matlho a bona a fifale

gore ba se ka ba bona,

o theeketse dinôka tsa bona

ka gale.

25Goromeletsa kgakalo ya gago

mo go bona,

a molelo wa bogale jwa gago

o ba tshware.

26A boago jwa bona bo nne letlotla;

a go se age ope

mo ditenteng tsa bona.

27Gonne ba bogisa ena

yo wena o mo iteileng;

ba godisa botlhoko

jwa yo ò mo khutlileng.

28Oketsa molato wa bona ka molato;

a ba se bone tshiamiso ya gago.

29A ba phimolwe

mo bukeng ya bophelo;

a ba se kwalwe le basiami.

30Mme nna ke bogisegile,

ke tletse botlhoko.

A pholoso ya gago, Modimo,

e nkgodise.

31Ke tla tumisa leina la Modimo

ka sefela,

ke le godisa ka pina e e lebogang.

32Moo go tla kgatlha Morena

bogolo go kgomo,

e bong poo e e nang le dinaka

le ditlhako tse di maphata.

33Ba ba pelonolo ba a go bona,

ba itumele.

Lona ba lo batlang Modimo,

a dipelo tsa lona di phele.

34Gonne Morena

o utlwa bahumanegi;

ga a nyatse batshwarwi ba gagwe.

35A legodimo le lefatshe

di mo tumise,

le mawatle le tsotlhe

tse di nyeulang mo go ona.

36Gonne Modimo

o tla pholosa Sione,

o aga metse ya Juta;

ba tla aga teng, ba e rua.

37Boora batlhanka ba ona

ba tla rua boswa teng;

ba ba ratang leina la ona

ba tla aga gona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help