HOSEA 14 - Setswana 1970(TSW70)

Modimo o itshwarela ba ba tlhabologang

1Iseraele, tlhabologela kwa Moreneng, Modimo wa gago, gonne o ole ka tshiamololo ya gago.

2Tsamayang ka mafoko, lo boele kwa Moreneng, lo mo ree lo re: “Re itshwarele molato otlhe gore re amogele se se molemo! Mme re tla leboga ka melomo ya rona boemong jwa ditlhabelo.

3Asiria ga a na go re thusa; ga re nke re palama dipitse, ga re tlhole re bitsa tiro ya diatla tsa rona modimo wa rona; gonne lesiela le bona kutlwelo-botlhoko mo go wena.”

Morena

o solofetsa Baiseraele botshelo jo bošwa

4“Ke tla fodisa boikepo jwa bona,

ke ba rata ka pelotshweu;

gonne bogale jwa me

bo boile mo go bona.

5Ke tla nna mo Iseraeleng

jaaka monyo,

o tla thunya jaaka sešeše,

a nama medi jaaka Lebanone.

6Matlhogela a gagwe

a tla ntsifala;

bontle jwa gagwe bo tla nna

jaaka jwa setlhare sa olefa,

monko wa gagwe

o tshwana le wa Lebanone.

7Ba ba nnang mo moriting

wa sona

ba tla boa ba lema mabele,

ba tlhoga jaaka setlhare

sa moweine

se se tumileng jaaka weine

ya Lebanone.

8Eferaime o ka tlhola a dira eng

ka medimo ya diseto?

Nna ke mo utlwile,

ke tla nna ke mo tlhokomela.

Ke tla nna jaaka setlhare

sa mosiperese se setala.

Maungo a gago

a tla tswa mo go nna.”

Khutliso

9Yo o botlhale a a tlhaloganye dilo tse! Yo o tlhalefileng a a di itse. Gonne ditsela tsa Morena di tlhamaletse. Basiami ba tla tsamaya mo go tsona, mme baikepi ba kgotšwa mo go tsona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help