DIPESALEME 60 - Setswana 1970(TSW70)

Thapelo ya ga Dafita, a sena go fenngwa

1Loboko lwa ga Dafita lwa go ruta lo lo kwaletsweng moopedisi, lo lo opelwang ka moopelo wa: “Ledutla la tshupo”.

2Lo kwadilwe jale fa a tlhabana le Basiria ba Mesopotamia le Basiria ba Soba, fa Joabe a boa, a fenya Baetomo ba le 12 000 mo mokgatsheng wa letswai.

3Modimo, o re latlhile,

o re faladitse;

o ne o gaketse, re agise gape.

4O roromisitse lefatshe,

wa le fatoganya.

Fodisa thubego ya lone,

gonne le a theekela.

5O bontshitse batho ba gago

dilo tse di thata,

wa re nosa weine e e theekedisang.

6Ba ba go boifang o ba neile sefoka

gore ba falole mo boreng. Sela.

7Thusa ka letsogo le le jang la gago,

o re utlwe,

gore baratiwa ba gago ba gololege.

8Modimo o buile mo Felong-ga-Boitshepo

ga ona wa re:

“Ke tla ipela,

ke tla kgaoganya Šegeme,

ke lekanya mokgatsha wa Sukothe.

9Gileate ke wa me

le Manase ke wa me;

Eferaime ke phemelo

ya tlhogo ya me,

Juta ke thobane ya me ya bogosi.

10Moabe ke mogopo wa me

wa go tlhapela.

Setlhako sa me

ke se latlhela mo go Etomo;

ntudueletsa, wena Felesita.”

11Ke mang yo o tla nkisang

kwa motseng o o thata?

Ke mang yo o tla nkgogelang

kwa Etomo?

12A ga se wena, Modimo,

o o re latlhileng?

Ee, Modimo, ga o bolole

le mephato ya rona.

13Re direle thuso ya go phologa

mo mmabeng;

gonne thuso ya batho

ga se ya sepe.

14Ka Modimo re tla dira

ditiro tsa bonatla,

mme ona o tla gataka baba ba rona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help