1 PETORO 5 - Setswana 1970(TSW70)

Ditshwanelo tsa bagolo ba phuthego

1Jaanong ke kaela bagolo ba phuthego ba ba mo go lona, ke le mogolo-ka-bone le mosupi wa dipogo tsa ga Keresete, ke bile ke tlhakanetse nae kgalalelo e e tla senolwang,

2ke re: Fudisang letsomane la Modimo le le mo go lona, e seng ka go patelediwa, mme e nne ka bopelotshweu ka fa thatong ya Modimo; e seng ka go ipatlela khumo e e maswe, mme e nne ka pelo yotlhe;

3e seng jaaka barena ba diphuthego, mme lo nne dikao tsa letsomane.

4Mme lo tla bona serwalo sa kgalalelo se se sa swabeng mogang Modisa yo mogolo a bonalang.

Batho ba bašwa ba kaelwa gore ba ikokobetse le go itisa

5Le lona ba bašwa, utlwang bagolo, mme lotlhe direlanang ka boikokobetso; gonne “Modimo o ganetsa ba ba ikgogomosang, mme ba ba ikokobetsang o ba naya boitshwarelo.”

6Ka moo, ikokobeletseng letsogo le le thata la Modimo gore o tle o lo godise ka nako e e leng yona.

7Latlhelang matshwenyego otlhe a lona mo go one, gonne lo tlamelwa ke one.

8Nnang tekano lo itise; gonne Diabolo, moganetsi wa lona, o kgarakgatshega jaaka tau e e dumang, a batla yo a ka mo metsang.

9Lo emelane nae ka go tlhomama mo tumelong, ka lo itse gore tsona dipogiso tseo di dirafalela bakaulengwe ba lona ba ba mo lefatsheng.

Dikeleletso le tumediso

10Mme Modimo wa bopelotlhomogi jotlhe o o lo bileditseng kgalalelong ya ona e e sa khutleng ka Keresete, e tla re lo sena go boga sebakanyana, o lo dire botlalo, o lo tiise, o lo thatafatse, o lo tlhomamise.

11Kgalalelo le thata ke tsa ona go ya bosakhutleng. Amen.

12Ke lo kwaletse ka bokhutshwane ka Silefano, mokaulengwe yo o ikanyegang, ka fa ke mo lebileng ka teng, ke lo kgothatsa, ke supa gore ke jona bopelotlhomogi jwa nnete jwa Modimo jo lo emeng mo go jona.

13Phuthego e e tlhaotsweng le lona ya mono Babilone le Mareko, morwaake, ba a lo dumedisa.

14Dumedisanyang ka katlo ya lorato.

A kagiso e nne le lona lotlhe, ba lo leng mo go Keresete!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help