MORERI 11 - Setswana 1970(TSW70)

Ditiro tse monna yo o botlhale o di dirang

1Tshedisa dijo tsa gago lewatle, gonne o tla di bona gape morago ga malatsi a mantsi.

2Di kgaoganye ka ba supa gongwe ka ba ba robedi. Gonne ga o itse gore lefatshe le tla welwa ke kotsi e e ntseng jang.

3Fa maru a tletse metsi, a nesa pula mo lefatsheng. Mme fa setlhare se rengwa, se wela kwa borwa gongwe kwa bokone, mme mo felong fa se wetseng teng se tla sala se rapaletse gona.

4Yo o elang phefo tlhoko ga a nke a jwala; yo o lebileng maru ga a nke a roba.

5Ga o itse tiro ya Modimo o o dirang dilo tsotlhe, fela jaaka o sa itse tsela ya phefo le ka fa marapo a bopegang ka teng mo mmeleng wa yo moimana.

6Jwala peo ya gago mo mosong; se ikhutsise diatla tsa gago maitsiboa; gonne ga o itse gore go tla mela efe, a ena gongwe ele, kampo a di tla siama mmogo ka bobedi jwa tsona.

7Lesedi le monate; go bona letsatsi go kgatlha matlho.

8A e re fa motho a phela dinyaga tse dintsi, a itumele mo go tsona tsotlhe! Le gona a a gopole malatsi a lefifi, gonne a tla nna mantsi thata. Tsotlhe tse di tla tlang ke tsa boithamako fela.

Ba bašwa ba a gakololwa

9Wena lekau, itumele mo bokaung jwa gago! A pelo ya gago e go jese monate mo malatsing a bokau jwa gago. Phela ka fa pelo ya gago e ratang ka teng le ka fa matlho a gago a bonang ka teng. Fela itse gore Modimo o tla go isa mo tshekong ka ntlha ya tsotlhe tseo.

10Tlosa tshwenyego mo pelong ya gago, o fapose botlhoko mo mmeleng wa gago. Gonne bokau le bošwa di fela ka pele.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help