JOBE 22 - Setswana 1970(TSW70)

Puisanyo ya boraro(Jobe 22:1 – 27:23)Go bua Elifase

1Ga fetola Elifase wa Themane a re:

2“A monna o ka thusa Modimo?

Nnyaya,

letlhale sa lone ke go itirela fela.

3A o a re o kgatlha

Mong-wa-thata-yotlhe,

fa o le yo o siameng?

A o a re o a mo thusa,

fa o siamisa tsamao ya gago?

4A o a re ke ka ntlha ya

poifo-Modimo ya gago,

fa a go otla, a go sekisa?

5A ga ke re, bosula jwa gago

ke jwa mefutafuta?

Le gona melato ya gago

ga e na fa e felelang teng!

6O tsere dipeeletso mo go

morwa-rraago, a se na molato;

wa apola diaparo

tsa ba ba tlhokang.

7Yo o nyorilweng

ga o a mo nosa metsi;

yo o tshwerweng ke tlala

o mo timile dijo.

8O a re: Naga ke ya monna

yo o bogale!

Motlotlegi o nna mo go yona!

9Batlholagadi o ba buseditse

kwa morago ba iphotlhere fela;

wa pšhwetla masiela mabogo.

10Ke ka moo o dikanyeditsweng

ke diru

le therego e go tshosa

ka tshoganyetso.

11A kampo ga o bone lefifi

le morwalela wa metsi

a a go khurumetsang?

12Modimo a ga o kwa godimo?

Bona dinaledi

tse di kwa godimodimo,

di kwa godimo jang!

13Mme wena o a re:

‘Modimo o itse eng?

A o ka atlhola o le kwa morago

ga bontsho jwa maru?’

14O a re: ‘Maru a o thibile matlho,

ga o bone!

O itsamaela mo tikologong

ya legodimo!’

15A o rata go tsaya tsela

ya bogologolo e baikepi

ba tsamaileng ka yona

16ba ba neng ba tlosiwa

pele ga sebaka,

ba tsewa ke morwalela wa metsi?

17Ke ba ba reileng Modimo ba re:

‘Tloga mo go rona!’

Gape ba re:

‘Mong-wa-thata-yotlhe

o ka re direlang?’

18Mme e ne e le ene yo o

tladitseng

matlo a bone tse di molemo!

– Kakanyo ya baikepi

e kgakala le nna! –

19Basiami ba a bona, ba a itumela;

ba ba se nang molato

ba a ba sotla ba re:

20‘Ruri, ba ba neng ba re tlhoile

ba nyeleditswe;

le tse ba di tlogetseng

di fisitswe ka molelo.’

21A ko o ithuse ka go tsalana nao,

o nne kagisong;

tlhogonolo e tla go tlela

ka go dira jalo.

22A ko o amogele thuto

e e tswang

mo molomong wa ona;

o bee mafoko a ona

mo pelong ya gago!

23Fa o boela kwa go

Mong-wa-thata-yotlhe,

fa o ikokobetsa o tlosa

tshiamololo

mo lapeng la gago;

24fa o latlhela gouta ya gago

leroleng le gouta ya Ofire

kwa mafikeng a melapo

25foo Mong-wa-thata-yotlhe

o tla nna gouta ya gago

le selefera e e phatsimang

mo go wena;

26ee, foo o tla itumelela

Mong-wa-thata-yotlhe,

o tsholeletsa Modimo sefatlhego.

27O tla rapela Modimo,

o tla go utlwa;

o tla dirafatsa maikano a gago.

28Fa o ikaelela sengwe,

o tla se kgona;

lesedi le tla phatsimela

ditsela tsa gago.

29Fa di ya kwa tlase, o tla re:

‘A ke tlhatloge!’

Modimo o tla thusa

yo o ikokobetsang.

30Ee, le yo o molato,

o tla mo pholosa;

a pholosiwa ka bophepa

jwa diatla tsa gago.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help