1Sefela sa go ya Tempeleng sa ga Salomo.
Fa Morena a sa age ntlo,
baagi ba yona
ba tla bo ba itapisetsa lefela;
fa Morena a sa dise motse,
modisa o tla bo
a itlhobaeletsa lefela.
2Ke lefela, fa lo tsoga phakela,
lo itima boikhutso,
lo ja dijo tsa matsapa;
gonne Morena
o tla naya baratwi ba gagwe
ba ntse ba robetse.
3Bona, basimane
ke neo ya Morena;
leungo la sebopelo ke tuelo.
4Basimane ba bošwa jwa motho
ba tshwana le metsu
mo seatleng sa mogale.
5Go sego monna yo o e tladitseng
mokotlopo wa gagwe;
ga a nke a tlhajwa ke ditlhong,
fa a bua le baba ba gagwe
mo kgotleng.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.
