SEFELA SA DIFELA 5 - Setswana 1970(TSW70)

Monna

1Ke tsile mo tshimong ya me,

kgaitsadiaka, monyalwa.

Ke kgetla mera ya me

le makga a a monate a me.

Ke ja lomepe lwa me

le dinotshe tsa me;

ke nwa weine ya me

le mašwi a me.

Mosadi

Lona ba ga etsho, jaang, lo nwe;

ditsala tsa me, kgorang!

Sefela sa bone Mosadi

2Ke ne ke robetse,

mme pelo ya me yona

ya tlhobaela.

Ka utlwa morati wa me

a konyakonya a re:

Monna

“Mpulele, kgaitsadiaka,

moratiwa wa me, leebana la me,

moitekanedi wa me.

Gonne tlhogo ya me

e tletse monyo,

moriri wa me

o tletse marothodi a bosigo.”

Mosadi

3Ka re: “Ke apotse mosese wa me,

nka o apara jang gape?

Ke setse ke tlhapile dinao,

nka tla ka di kgotlela.”

4Morati wa me a ba a tsenya

seatla sa gagwe

ka letshoba la lobati;

ke fa maikutlo a me

a mo huduegela.

5Ka ba ka tsoga

gore ke bulele morati wa me.

Diatla tsa me tsa bo di rotha mera

le menwana ya me e rotha mera

e e rothegelang mo matshwarong

a lobati.

6E rile a bua, ka tlhomoga pelo,

ka bulela morati wa me,

mme morati wa me

a bo a ngwegile a tsamaile.

Ka mmatla, ka se ka ka mmona;

ka mmitsa,

mme a se ka a nkaraba.

7Ka bonwa ke badisa

ba ba tsamayang mo motseng;

ba ntitaya, ba nntsha dintho;

badisa ba dipota

ba nkamoga kobo ya me.

8Lona bomorwadia Jerusalema,

ke a lo ikanisa ka re:

E re fa lo ka mmona,

ene morati wa me,

lo mo itsise lo re:

Ke lwala ka lorato.

Basadi

9Morati wa gago

o gaisa morati yo mongwe

ka eng,

wena yo montle mo basading?

Morati wa gago

o phala morati yo mongwe

ka eng,

fa o re ikanisa jalo?

Mosadi

10Morati wa me o mosweu,

o mohibidu;

o gaisa banna ba le dikete.

11Tlhogo ya gagwe ke gouta

e e sa pekwang;

moriri o o itshophileng

wa gagwe

ke dikala tsa mokolane

tse di tshikinyegang;

o montsho jaaka lehukubu.

12Matlho a gagwe a tshwana

le maeba a a fa dinokeng,

a tlhapa mo mašwing,

a tlhomilwe sentle.

13Marama a gagwe a tshwana

le ditemanyana tsa makga

a a monate

tse di jwetsweng ditlhatshana

tse di nkgang monate;

molomo wa gagwe ke dithunya,

o rotha mera e e metsi.

14Mabogo a gagwe ke dikotana

tsa gouta tse di potokwane

tse di gomilweng ka ditaemane.

Mmele wa gagwe o bopegile

ka dinaka tsa ditlou,

o kgabisitswe ka disafire

tse ditala.

15Maoto a gagwe ke maotwana

a lentswe la legakwa

a a tlhomilweng mo ditlhomong

tsa gouta e e sa pekwang.

Sebopego sa gagwe

se tshwana le sa Lebanone

se tlotlometse jaaka mesetere.

16Mafoko a gagwe a monatenate.

Ruri, o montlentle gotlhe.

Morati wa me

ke yo o ntseng jalo;

ke ene tsala ya me,

lona bomorwadia Jerusalema.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help