1 BAKORINTHE 3 - Setswana 1970(TSW70)

Mowa wa lefatshe ke modi wa dikgaogano

1Mme nna, bana ba ga Rra, ke ne ke sa ka ke ka bua le lona jaaka ba e leng ba mowa, mme e le jaaka ba e leng ba nama, jaaka masea mo go Keresete.

2Ke lo otlile ka mašwi, e seng ka dijo tse di tiileng; gonne lo ne lo ise lo di nonofele. Tota le jaanong ga lo ise lo di nonofele.

3Ka gonne lo sa ntse lo le ba nama. E re ka lefufa le dikgang le dikgaogano di le mo go lona, a ga lo ba nama, a ga lo tsamae ka fa boitaolong jwa motho?

4Kana jaaka mongwe a re: “Ke wa ga Paulo;” yo mongwe a re: “Ke wa ga Apolo,” a ga lo batho fela?

5Kana Paulo ke eng? Le Apolo ke eng? Ke badiredi fela ba lo dumetseng ka bone, mme e le ka fa Morena abetseng mongwe le mongwe ka teng.

6Nna ke tlhomile, Apolo o nositse, mme Modimo o tlhogisitse.

7Jaanong he, yo o tlhomang ga a sepe le yo o nosang ga a sepe; mme yo o leng sengwe ke Modimo fela o o tlhogisang.

8Yo o tlhomang le yo o nosang ba a lekana; mme mongwe le mongwe o tla amogela tuelo ya gagwe ka fa matsapeng a gagwe.

Modumedi ke kago ya Modimo, Keresete ke motheo wa kago

9Kana rona re badira-mmogo ba Modimo, lona lo temo ya Modimo, lo kago ya Modimo.

10Nna ke thaile mothao jaaka moagi yo o botlhale ka fa bopelotlhomoging jwa Modimo jo ke bo neilweng; yo mongwe o tla aga mo go ona. Mme a mongwe le mongwe a ele tlhoko ka fa a agang mo go ona ka teng.

11Gonne ga go ope yo o ka thayang mothao o sele, fa e se ona fela o o thailweng, e bong Jesu Keresete.

12Mme fa mongwe a ka aga mo mothaong oo ka gouta gongwe ka selefera le fa e le ka majwe a mantle gongwe ka dikgong kampo ka bojang kampo ka dirite,

13tiro ya mongwe le mongwe e tla bonatsega; gonne letsatsi la katlholo le tla e bonatsa, ka e tla senolwa ka molelo, mme molelo o tla leka tiro ya mongwe le mongwe gore e ntse jang.

14Fa tiro ya motho e sa šwe e o e agileng mo go ona, o tla amogela tuelo.

15Mme fa tiro ya motho e ka šwa, o tla senyegelwa, mme ene ka esi o tla phologa, mme e le fela jaaka yo o falotseng mo molelong.

16A ga lo itse gore lo Tempele ya Modimo, le gore Mowa wa Modimo o agile mo teng ga lona?

17Fa mongwe a senya Tempele ya Modimo, Modimo o tla mo senya; gonne Tempele ya Modimo e boitshepo, e lo leng yona.

18A go se nne ope yo o itsietsang! Fa mongwe mo go lona a itshema yo o botlhale mo lefatsheng leno, a a nne bosilo gore a tle a tlhalefe;

19gonne botlhale jwa lefatshe leno ke bosilo fa pele ga Modimo; gonne go kwadilwe ga twe: “Batlhalefi o ba tshwara mo boferefereng jwa bone.”

20Gape go a twe: “Morena o itse maikaelelo a matlhale gore ke boithamako.”

21Ka moo a go se nne ope yo o ipokang ka batho; gonne tsotlhe ke tsa lona;

22le fa e le Paulo gongwe Apolo gongwe Kefa gongwe lefatshe gongwe bophelo gongwe loso gongwe tsa kajeno gongwe tse di tlang, tsotlhe ke tsa lona;

23mme lona lo ba ga Keresete, Keresete ene ke wa Modimo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help