DIPESALEME 12 - Setswana 1970(TSW70)

Maaka a laola batho; Modimo ke boammaaruri

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi, e na le kodu ya moporo.

2 Morena, thusa;

gonne ga go tlhole

go na le yo o boifang Modimo,

mme ba ba ikanyegang

ba fedile mo baneng ba batho.

3Ba bua maaka mongwe le yo

mongwe,

ba bua ka melomo e e borethe

le bopelopedi.

4A Morena a nyeletse

melomo yotlhe e e borethe,

le loleme lo lo buang

dilo tsa boikgodiso;

5bona ba ba reng:

“Re thata ka diteme tsa rona,

re na le melomo ya rona;

mmusi yo o re laolang ke mang?”

6Mme Morena a re:

“Jaanong ke tla tsogela pogiso

ya batlalelwi

le phegelo ya batlhoki,

ke thusa ene yo o lelelang thuso.”

7Mafoko a Morena

ke mafoko a a phepa,

ke selefera e e itshekisitsweng

mo leubelong

e e tshologelang fa fatshe,

e itshekisitswe gasupa.

8Wena Morena, o re boloke,

o re sireletse mo losikeng loo

ka bosakhutleng.

9Fa tshenyego e godile

mo baneng ba batho,

baikepi ba ikgantsha

mo ntlheng tsotlhe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help