HOSEA 11 - Setswana 1970(TSW70)

Lorato lo logolo lwa Morena

le go sa lebogeng ga Baiseraele

1“E rile Iseraele e sa le ngwana,

ka bo ke mo rata,

ka mmitsa go tswa kwa Egepeto

e le morwaake.

2E re fa ke ba bitsa, ba ntlogele,

ba ye go tlhabela boBaale

ditlhabelo,

ba tshubele ditshwantsho

tsa medimo maswalo.

3Kana ke nna ke tsamaisitseng

Baeferaime tshipidi,

ka ba tshola ka mabogo,

mme ga ba a ka ba lemoga,

fa e le nna ke ba fodisitseng.

4Ke ba gogile ka dikgole

tsa botho le ka megala ya lorato,

ka nna mo go bona

jaaka ba ba pagololang joko

mo melaleng ya bona;

ka inamela kwa go bone,

ka ba jesa.

5“Ga ba kitla ba boela kwa Egepeto. Nnyaya, Asiria e tla nna kgosi ya bone, gonne ba ganne go tlhabologa.

6Tšhaka e tla kgadikana mo metseng ya bone, e bolaya dikgosana tsa bona, e di fetsa ka ntlha ya maano a bone.

7Morafe wa me o ganelela go ikepa mo go nna. Le fa ba bilediwa kwa godimo, ga go na ope yo o itsosang.

8“Nka go latlha jang, Eferaime?

Nka go tlogela jang, Iseraele?

Nka go dira jang jaaka Atema?

Nka go senya jang

jaaka Seboime?

Ke tlhomoga pelo,

ke go utlwela botlhoko thata.

9Ga nka ke ka dirafatsa bogale

jo bo tukang jwa me,

ga nka ke ka senya

Eferaime gape.

Gonne ke Modimo, ga ke motho,

ke Moitshepi mo go wena.

Ga nke ke tla ke galefile.

10“Ba tla sala Morena morago yo o dumang jaaka tau; e tla re fa a duma, bana ba tswe kwa bophirimatsatsi ka thoromo.

11Ba tla itlhaganela ba tswa kwa Egepeto ka thoromo jaaka nonyane, ba tswa kwa lefatsheng la Asiria jaaka leeba, mme ke tla ba agisa mo matlong a bone,” go bua Morena.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help