SAGARIA 2 - Setswana 1970(TSW70)

Pono ya boraro: Jerusalema o lekanngwa ka mogala wa moagi

1Ka ba ka tsholetsa matlho, ka leba; ka bona monna yo o tshotseng mogala o o lekanyang.

2Ka mo raya ka re: “O ya kae?”

A nthaya a re: “Ke ya go lekanya motse wa Jerusalema go bona gore bophara jwa ona bo kana kang, le boleele jwa ona bo kana kang.”

3Ya re moengele yo o neng a bua le nna a tswela kwa ntle, moengele yo mongwe a bonala, a ya go mo kgatlhantsha,

4a mo raya a re: “Siana o ree lekau lele o re: ‘Jerusalema o tla tlala bontsi jwa batho le jwa dikgomo, o se na lobota.

5Mme nna ke tla nna lobota lwa molelo mo tikologong ya ona,’ go bua Morena; ‘ke tla nna kgalalelo ya ona.’

Ba ba mo botshwarong ba tla boela gae

6“Heelang! Heelang! Tshabang mo lefatsheng la bokone,” go bua Morena; “gonne ke lo falaleditse kwa dikhutlong tse nne tsa lefatshe,” go bua Morena.

7“Hela! Sione, tshaba o phologe, wena yo o agileng le morwadia Babele!”

8 Morena wa masomosomo o nthomile kwa ditšhabeng tse di lo thukhuthileng go sala kgalalelo morago; – “gonne yo o lo amang o ama thaka ya leitlho la gagwe” – o bua jaana a re:

9“Bonang, ke tla kgadikanya letsogo godimo ga bone, mme ba tla thopiwa ke bone ba e neng e le batlhanka ba bone; foo lo tla itse gore Morena wa masomosomo o nthomile.

10Duduetsa o itumele, morwadia Sione, gonne bona, ke e tla gore ke nne nao,” go bua Morena.

11“Ditšhaba tse dintsi di tla ineela Morena ka letsatsi leo; ba tla nna morafe wa me, mme ke tla nna nao. Foo o tla itse gore Morena wa masomosomo o nthomile kwa go wena.

12Morena o tla rua Juta, e nna boswa jwa gagwe mo nageng e e boitshepo, a itlhaolela Jerusalema gape.”

13A batho botlhe ba didimale fa pele ga Morena, gonne o tsogile mo boagong jo bo boitshepo jwa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help