DIPESALEME 36 - Setswana 1970(TSW70)

Bopelontle jwa Modimo bo molemolemo jang ne!

1Pesalome ya ga Dafita, motlhanka wa Morena, e e kwaletsweng moopedisi.

2Mosenyi a re:

“Maikaelelo a ka ke go senya.”

Go tshoga Modimo ga a go itse.

3Gonne o ikgatlha ka esi,

a ithaya a re,

molato wa gagwe ga o kitla

o bonwa le e seng go tlhoiwa.

4Mafoko a molomo a gagwe

ke boikepo le tsietso;

o gana go dira tsa botlhale

le tse di molemo.

5O akanya boikepo

mo bolaong jwa gagwe;

o ikemisa mo tseleng

e e seng molemo;

bosula ga a bo tlhoe.

6 Morena, bopelontle jwa gago

bo fitlha kwa magodimong;

boikanyego jwa gago

bo fitlha kwa marung.

7Tshiamo ya gago e ntse

jaaka dithaba tsa Modimo;

dikatlholo tsa gago ke boteng

jo bogolo jwa metsi.

Morena, o thusa batho le diphedi.

8Kana bopelontle jwa gago,

Modimo, bo molemolemo jang ne!

Bana ba batho

ba tshabele mo moriting

wa diphuka tsa gago.

9Ba ja monate wa monono

wa Ntlo ya gago;

o ba nosa mo nokeng

ya dinatefo tsa gago.

10Gonne motswedi wa bophelo

o fa go wena;

re bona lesedi ka lesedi la gago.

11Tsweletsa bopelontle jwa gago

mo go bona ba ba go itseng,

le tshiamo ya gago mo go bona

ba ba dipelo di tlhamaletseng.

12A lonao lwa boikgantsho

lo se nkgate,

a diatla tsa baikepi di se nteleke.

13Foo badiradibe ba tla bo ba ole,

ba digilwe,

mme ba tla palelwa ke go tsoga.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help