DIPESALEME 84 - Setswana 1970(TSW70)

Boitumelo jwa go nna mo boagong jwa Modimo

1Pesalome ya boora Kora e e kwaletsweng moopedisi, e e opelwang ka moopelo wa ba ba gatang segatelo.

2Kana maago a gago

a mantlentle jang

wena Morena wa masomosomo!

3Mowa wa me o tlhologeletswe,

o fegelelwa malapa a Morena.

Pelo ya me le nama ya me

di dudueletsa Modimo

o o phedileng.

4Le serobele se iponetse ntlo

le peolwane sentlhaga

kwa e ka bayang

mamphorwana a yona teng,

e bong dialetare tsa gago,

Morena wa masomosomo,

Kgosi ya me, Modimo wa me.

5Go sego bona ba ba agileng

mo Ntlong ya gago,

ba go baka ka gale. Sela.

6Go sego motho yo thata ya gagwe

e leng mo go wena,

yo ditsela tse di bonalang

di leng mo pelong ya gagwe.

7Fa ba ralala mokgatsha

wa komelelo,

ba o dire lefatshe la metswedi;

le gona pula ya ntlha

e o khurumetse ka masego.

8Ba tsamaya

ba tlhomogantse dithata;

mongwe le mongwe wa bona

o tla bonala fa pele ga Modimo

mo Sione.

9 Morena,

Modimo wa masomosomo,

utlwa thapelo ya me,

a o ko o reetse, wena Modimo

wa ga Jakobe. Sela.

10Modimo, thebe ya rona,

leba o bone sefatlhego

sa motlodiwa wa gago.

11Gonne letsatsi le le lengwe fela

mo malapeng a gago

le gaisa malatsi a le sekete

a mangwe.

Ke rata go nna fa serepoding

sa mojako wa Ntlo ya Modimo

wa me bogolo go

go aga mo matlong a boikepo.

12Gonne Morena Modimo

ke letsatsi le thebe;

Morena o tla abela boitshwarelo

le tlotlo;

ba ba tsamayang ka tshiamo

ga a kitla a ba tima tse di molemo.

13 Morena wa masomosomo,

go sego motho yo o go ikanyang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help