JESAYA 12 - Setswana 1970(TSW70)

Sefela sa tebogo sa phuthego e ntšhwa

1Ka letsatsi leo o tla bua o re:

“Morena, ke a go leboga!

Gonne o ne o le bogale

mo go nna,

mme bogale jwa gago bo boile,

o bile wa nkgomotsa.

2Bonang,

Modimo ke pholoso ya me.

Ke tla o ikanya, ke sa boife sepe.

Gonne Modimo Morena

ke thata ya me le sefela sa me,

o bile o diregile pholoso ya me.”

3Lo tla gelela metsi ka boitumelo

mo metsweding ya pholoso.

4Ka letsatsi leo lo tla bua lo re:

“Lebogang Morena,

bitsang leina la gagwe,

itsiseng ditiro tsa gagwe

mo merafeng,

utlwatsang gore leina la gagwe

ke le legolo.

5Opelelang Morena,

gonne o dirile dilo tsa bonatla;

a go itsiwe jalo

mo lefatsheng lotlhe!

6Ipeleng lo duduetse,

lona baagi ba Sione!

Gonne Moitshepi wa Iseraele

o mogolo mo gare ga lona.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help