1Thapelo ya ga Habakuke moporofeti, ka moopelo wa sefela sa selelo.
2 Morena,
ke utlwile pegelo ya gago,
ka ba ka tshoga.
Morena, dirafatsa tiro ya gago
mo gare ga dinyaga,
ò e itsise mo gare ga dinyaga.
Mme mo bogaleng
ò gakologelwe boutlwelo-botlhoko.
3Modimo o tla tswa
kwa Themane,
Moitshepi a tswa
kwa thabeng ya Pharane. Sela.
Kgalalelo ya ona
e khurumeditse magodimo,
lefatshe le tletse pako ya ona.
4Go tla nna phatsimo
jaaka lesedi la letsatsi,
marang a fa lotlhakoreng
lwa ona;
ke fa thata ya ona
e fitlhilweng teng.
5Leroborobo le tla o etelela pele,
letshoroma le o sala morago.
6Fa o ema, o roromisa lefatshe;
fa o leba, o tsibosa ditšhaba;
dithaba tse di sa khutleng
di a phatlakanngwa,
dithabana tsa bogologolo
di a kokobela,
tse e leng metsamao ya ona
ya kgale.
7Ke bonye ditente tsa Kušane
di le mo tlalelong,
masela a ditente tsa lefatshe
la Midiane a tetesela.
8 Morena,
a ò tuketse dinoka bogale?
A ò galefetse dinoka?
Gongwe a ò gakaletse lewatle,
ka ò palame dipitse tsa gago
le dikoloi tsa gago tsa phenyo?
9Bora jwa gago
bo etleetsegile gotlhe.
Kgwatlha ya gago ya metsu
e tletse. Sela.
O phatlola lefatshe
gore le tswe dinoka.
10Fa dithaba di go bona,
di a roroma.
Morwalela o a feta.
Lewatle le a duma,
le tsholeletsa mabogo
kwa godimo.
11Letsatsi le ngwedi
di boela mo mannong a tsona.
Go bonesa lesedi
la metsu ya gago e e fofang;
go phatsima logadima
lwa lerumo la gago.
12O ralala lefatshe ò gaketse;
ò photha ditšhaba ò le bogale.
13O bolotse go thusa
morafe wa gago
le go thusa Motlodiwa wa gago;
o tšhwetlakanya tlhogo ya lapa
la moikepi,
ò mo apola go tloga dinaong
go fitlha molaleng. Sela.
14O tlhaba tlhogo ya dikgosana
tsa gagwe ka marumo a gagwe
tse di tlhaselang go mphalatsa,
tse di duduetsang jaaka e kete
di rata go ja modidi
fa a fitlhegileng teng.
15O gatile mo lewatleng
ka dipitse tsa gago,
mo phuthegelong
ya metsi a mantsi.
16E rile ke utlwa jalo,
teng ya me ya huduega,
molomo wa me wa roroma
ka ntlha ya modumo;
go nyera ga ntsena
mo marapong,
ka tetesela fa ke emeng teng;
gonne ke na le go iketlela
letsatsi la tlalelo
gore le tlele morafe
o o re tlhaselang.
17Le fa setlhare sa feie
se sa tlhoge,
le fa go se maungo
mo ditlhareng tsa moweine,
le fa phulo ya setlhare sa olefa
e swabisa,
le fa masimo a sa ntshe dijo,
le fa dinku di feleletse
mo sakaneng,
le fa go se dikgomo
mo marakeng:
18Le fa go ntse jalo
ke rata go dudueletsa Morena,
ke rata go itumelela
Modimo wa pholoso ya me.
19Modimo Morena ke thata ya me;
o dira maoto a me
jaaka a ditshephe;
o ntsamaisa mo mafelong
a a kwa godimo a me.
Go kwaletswe moopedisi; ka diletso tsa me tsa ditlhale tsa mesifa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.