MATHEO 18 - Setswana 1970(TSW70)

Yo mogolo mo pusong ya magodimo(Mar. 9:33-37; Luka 9:46-48)

1Ka nako eo barutwa ba ne ba tla go Jesu ba re: “Yo mogolo mo pusong ya magodimo ke mang?”

2Foo a ipiletsa ngwana, a mmaya mo gare ga bone

3a re: “Ammaaruri ke lo raya ke re: Fa lo sa fetoge, lwa nna jaaka bana, ga lo ka ke lwa tsena mo pusong ya magodimo ka gope.

4Ka moo, mongwe le mongwe yo o tla ingotlang jaaka ngwana yo, ke ene yo mogolo mo pusong ya magodimo.

5Yo o tsholang ngwana mongwe yo o ntseng jalo ka leina la me, o tshola nna.

Tse di leofisang(Mar. 9:42-48; Luka 17:1,2)

6“Mme yo o kgopisang mongwe wa ba babotlana ba, ba ba dumelang mo go nna, go molemo mo go ene gore lelwala le legolo le golegelelwe mo molaleng wa gagwe, a be a nwediwe mo botennye jwa lewatle.

7Ijoo lefatshe ka ntlha ya dikgopiso! Dikgopiso di tshwanetse go tla; fela a tatlhego ya motho wee yo kgopiso e tlang ka ene!

8“Fa seatla gongwe lonao lwa gago lo go kgopisa, o di kgaole, o di latlhe; go molemo mo go wena go tsena mo bophelong o le segole gongwe setlhotsa, bogolo go go latlhelwa mo molelong o o sa khutleng, o na le diatla tse pedi gongwe dinao tse pedi.

9Gape fa leitlho la gago le go kgopisa, o le gonye, o le latlhe; go molemo mo go wena go tsena mo bophelong o le moitlho, bogolo go go latlhelwa mo moleteng wa molelo, o na le matlho a mabedi.

Nku e e timetseng(Luka 15:3-7)

10“Itiseng gore lo se nyatse ope wa ba babotlana ba; gonne ke lo raya ke re: Baengele ba bone kwa magodimong ba bona ka gale sefatlhego sa ga Rre yo o kwa magodimong.

11Gonne Morwa-Motho o tsile go pholosa se se latlhegileng.

12“Lo gopolang? Fa motho mongwe a na le dinku di le lekgolo, mme nngwe ya tsona e timela, a ga ke re o tla tlogela tse di 99 kwa dithabeng, a ya go batla e e timetseng?

13Mme fa a ka e bona, ruri, ke lo raya ke re: O tla itumelela bogolo go tse di 99 tse di se kang tsa timela.

14Fela jalo le ene Rraeno yo o kwa magodimong ga a rate gore ope wa ba babotlana ba a latlhege.

Fa ò leofelwa ke mongwe

15“Fa mokaulengwe wa gago a go leofela, yaa ò mo kgalemele, lo le babedi fela. Fa a ka go utlwa, ò tla bo o iponetse mokaulengwe.

16Fa a sa utlwe, tsaya mongwe gongwe babedi nao gore lefoko lengwe le lengwe le tlhomamisiwe ka melomo ya basupi ba babedi gongwe ba bararo.

17Fa a gana go ba utlwa, o bolelele phuthego; fa a gana go utlwa le yona phuthego, a nne jaaka moheitane le mokgethisi mo go wena.

Tumalano

18“Ammaaruri ke lo raya ke re: Sengwe le sengwe se lo tla se bofang mo lefatsheng, se tla bo se bofilwe kwa legodimong; le se lo tla se bofololang mo lefatsheng, se tla bo se bofolotswe kwa legodimong.

19“Gape ke lo raya ke re: Fa ba le babedi ba lona ba ka dumalana mo lefatsheng ka ga sengwe se ba tla se kopang, le fa e ka nna eng, ba tla se direlwa ke Rre yo o kwa magodimong;

20gonne kwa ba le babedi gongwe ba le bararo ba phuthegetseng teng mo leineng la me, foo ke teng mo gare ga bone.”

Motlhanka yo o senang bopelotlhomogi

21Ke fa Petoro a atamela, a mo raya a re: “Morena, mokaulengwe wa me o ka nteofela ga kae, ke ntse ke mo itshwarela? A e ka nna gasupa?”

22Jesu a mo raya a re: “Ke go raya ke re: E seng gasupa, mme e nne ga 70 gasupa.

23Ka moo puso ya magodimo e tshwana le motho yo e leng kgosi e e neng e rata go tlhatlhoba mesuga le batlhanka ba yona.

24Ya re e simolola go tlhatlhoba, ga tsisiwa mongwe yo o mosuga nayo ditalente di le dikete tse some.

25Mme ya re ka a palelwa ke go lefa, morena a laola gore a rekisiwe le mosadi le bana le tsotlhe tse o nang natso, gore go duelwe mesuga.

26Motlhanka yoo a wela fa fatshe, a mo khubamela a re: ‘O nne pelotelele le nna, ke tla go duela tsotlhe.’

27Morena wa motlhanka yoo a tlhomoga pelo, a mo golola, a mo itshwarela molato.

28“Jaanong motlhanka yoo a tswa, a kopana le yo mongwe wa batlhanka-ka-ene, yo o mosuga nae diranta di le some, a mo tshwara, a mmeta a re: ‘Lefa molato wa gago!’

29Motlhanka-ka-ene a wela fa fatshe, a mo rapela a re: ‘O nne pelotelele le nna, ke tla go lefa tsotlhe.’

30Mme a gana, a ya a mo latlhela mo ntlong ya kgolegelo, go tsamaya a lefe molato.

31Ya re batlhanka-ka-ene ba bona tse di dirafetseng, ba hutsafala thata, ba tla ba begela morena wa bone tsotlhe tse di dirafetseng.

32Ke fa morena wa gagwe a mmitsa, a mo raya a re: ‘Motlhanka yo o bosula ke wena! Ke go itshwaretse molato ole otlhe, ka ò nthapetse.

33Le wena, a e ne e se tshwanelo ya gago go utlwela motlhanka-ka-wena botlhoko, jaaka le nna ke go utlwetse botlhoko?’

34Mme morena wa gagwe a tuka bogale, a mo neela batlhokofatsi, go tsamae a lefe molato otlhe.

35“Rre wa legodimo le ene o tla direla jalo mongwe le mongwe wa lona yo o sa itshwareleng mokaulengwe wa gagwe ka pelo yotlhe.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help