DIPESALEME 20 - Setswana 1970(TSW70)

Thapelo ya go rapelela kgosi, fa e bololela ntweng

1Pesalome ya ga Dafita e e kwaletsweng moopedisi.

2A Morena a go utlwe

ka letsatsi la tlalelo;

a leina la Modimo wa ga Jakobe

le go femele.

3A a go romele thuso e e tswang

mo Felong-ga-Boitshepo,

a go kokotletse a le mo Sione.

4A a gopole ditshupelo tsotlhe

tsa gago tsa dijo;

a be a itumelele setlhabelo sa gago

sa phiso. Sela.

5A a go neye se pelo ya gago

e se eletsang,

a dirafatse maikaelelo otlhe a gago.

6Re tla dudueletsa phenyo ya gago,

re tlhoma difoka

ka leina la Modimo wa rona.

A Morena a dirafatse

dikopo tsotlhe tsa gago.

7Jaanong ke itse gore Morena

o thusa motlodiwa wa gagwe,

a mo utlwa a le kwa legodimong

le le boitshepo la gagwe

ka thata e e pholosang

ya letsogo le le jang la gagwe.

8Bangwe ba boka

dikoloi tsa tlhabano,

ba bangwe ba boka dipitse;

mme rona re baka

leina la Morena,

Modimo wa rona.

9Bao, ba obegile ba wa;

mme rona

re tsogile re eme ka tlhomamo.

10 Morena, thusa kgosi,

o re utlwe mogang re go bitsang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help