JEREMIA 38 - Setswana 1970(TSW70)

Jeremia o latlhelwa mo sedibeng

1E rile Sefatya, morwa Mathane, le Ketalea, morwa Phašure, le Jugale, morwa Selemia, le Phašure, morwa Malekhia, ba utlwa mafoko a Jeremia o a buang le morafe otlhe a re:

2“Morena o bua jaana a re: ‘Yo o salang mo motseng o, o tla swa ka tšhaka le ka tlala le ka leroborobo, mme yo o tswelang kwa go Bakalatea o tla phela. Bophelo e tla nna thopo ya gagwe, o tla phela.’

3Morena o buile jaana a re: ‘Ruri, motse o, o tla neelwa mo diatleng tsa mephato ya batlhabani ba kgosi ya Babele, mme e tla o thopa.’ ”

4Dikgosana tseo tsa raya kgosi tsa re: “A a bolawe, monna yoo! Gonne ka go re jalo o repisa diatla tsa batlhabani ba ba setseng mo motseng o, le diatla tsa morafe otlhe ka go bua mafoko a a ntseng jalo nabo. Gonne monna yoo ga se yo o batlelang morafe o kagiso fa e se tatlhego fela.”

5Ke fa kgosi Setekia a araba a re: “Bonang, o mo diatleng tsa lona! Gonne kgosi ga e kgone sepe kwa ntle ga lona.”

6Ke fa ba tsaya Jeremia, ba mo latlhela mo sedibeng sa ga Malekhia, morwa kgosi, se se mo lapeng la batlhabani; ba folosa Jeremia ka megala. Jaanong go ne go se na metsi mo sedibeng, fa e se loraga fela, mme Jeremia a rôrômela mo lorageng.

7Jaanong e rile Ebete-Melege wa Moethiopia, mongwe wa badiredi mo lapeng la kgosi, a utlwa fa ba latlhetse Jeremia mo sedibeng – kgosi ya bo e ntse mo Kgorong ya Benyamene –

8Ebete-Melege a tswa mo ntlong ya kgosi, a bua le kgosi a re:

9“Kgosi, morena wa me, banna ba, ba dirile bosula mo go tsotlhe tse ba di diretseng moporofeti Jeremia yo ba mo latlhetseng mo sedibeng. Kana o tla swela fa a leng teng ka tlala; gonne ga go tlhole go le dijo mo motseng.”

10Ke fa kgosi e laolela Ebete-Melege wa Moethiopia e re: “Tsaya banna ba le 30, ba ye nao, o ntshe moporofeti Jeremia mo sedibeng, a ise a swe.”

11Mme Ebete-Melege a tsaya banna bao, a tsena kwa tlase ga ntlwana ya mahumo mo ntlong ya kgosi, a tsaya dikata tsa diaparo tse di gagogileng le dikata tsa diaparo tse di onetseng, a di folosetsa kwa go Jeremia mo sedibeng ka megala.

12Ya ba gona Ebete-Melege wa Moethiopia a rayang Jeremia a re: “A ko o bee dikata tsa diaparo tse di gagogileng le tse di onetseng mo magwafeng a gago le megala ka fa tlase ga tsona!” Jeremia a dira jalo.

Setekia o bua le Jeremia

13Ke fa ba goga Jeremia ka megala, ba mo ntsha mo sedibeng. Jeremia a ba a nna gape mo lapeng la batlhabani.

14Mme kgosi Setekia a roma gore ba tsise moporofeti Jeremia kwa go ene kwa botsenong jwa boraro jo bo fa Ntlong ya Morena. Jaanong kgosi ya raya Jeremia ya re: “Ke rata go go botsa potso, se ntobele sepe!”

15Mme Jeremia a raya Setekia a re: “Fa ke go itsise mafoko, a ga ke re, o tla mpolaela ruri? Mme fa ke go gakolola, ga o kitla o nkutlwa!”

16Ke fa kgosi Setekia a ikanela Jeremia mo sephiring a re: “Ka bophelo jwa Morena yo o re diretseng bophelo jo! Ruri, ga nkitla ke go bolaya, le e seng go go neela mo diatleng tsa banna ba, ba ba ratang go go bolaya!”

17Jaanong Jeremia a raya Setekia a re: “Morena wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana a re: ‘Fa o tswela kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babele, o ineela mo go tsona, foo o tla bolokelwa bophelo, mme motse o, ga o kitla o fisiwa ka molelo, mme o tla phela, wena le ba lapa la gago.

18Mme fa o sa tswele kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babele, foo motse o, o tla neelwa mo diatleng tsa Bakalatea, ba tla o fisa ka molelo, mme wena ga o kitla o falola mo diatleng tsa bone.’ ”

19Ke fa kgosi Setekia a araba Jeremia a re: “Kana ke boifa Bajuta ba ba setseng ba thobetse kwa go Bakalatea, e se re gongwe ba nneela mo diatleng tsa bone gore ba ntshotle.”

20Mme Jeremia a re: “Ga ba ka ke ba go neela. Utlwa tlhe lentswe la Morena mo go tse ke di buang nao! Foo o tla dirafalelwa ke tse di molemo, mme o tla phela.

21Mme fa o gana go ineela, foo lefoko le Morena o le mpontshitseng ke le le reng:

22Bona, basadi botlhe ba ba setseng mo ntlong ya kgosi ya Juta ba tla ntshediwa kwa dikgosaneng tsa kgosi ya Babele, mme bone ba tla go sotla ba re:

“ ‘Ditsala tsa gago di go raetse,

tsa go kgona;

maoto a gago a rorometse

mo lorageng,

mme tsona tsa boela

kwa morago.’

23“Mme ba tla ntshetsa basadi botlhe ba gago le bana ba gago kwa go Bakalatea, le wena ka wesi ga o na go falola mo diatleng tsa bone, mme o tla tshwarwa ke seatla sa kgosi ya Babele, mme motse o, o tla fisiwa ka molelo.”

24Ke fa Setekia a raya Jeremia a re: “A mafoko a, a se ka a itsiwe ke ope, e se re gongwe wa swa.

25Mme fa dikgosana di ka utlwa gore ke buile nao, fa di tla kwa go wena, di go raya di re: ‘A ko o re itsise se o se buileng le kgosi le se kgosi e se buileng nao. Se re lobele sepe, foo ga re ka ke ra go bolaya –’

26gona o di ree o re: ‘Ke kopile kgosi ka boikokobetso ka re: Se mpusetse kwa ntlong ya ga Jonathane gore ke se ka ka swela teng.’ ”

27Jaanong e rile dikgosana tsotlhe di tla kwa go Jeremia, di mmotsolotsa, a di itsise mafoko otlhe a, a kgosi e mo laetseng ona. Tsa ba tsa mo tlogela, gonne puisanyo e ga e a ka ya utlwala.

28Mme Jeremia a nna mo lapeng la batlhabani go fitlha letsatsing le Jerusalema o thopilweng ka lone. Jaanong ya re Jerusalema a sena go thopiwa.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help