DIPESALEME 2 - Setswana 1970(TSW70)

Tlhabano le phenyo ya ga Mesia

1Kana merafe e huduelang,

ditšhaba di akanyetsang

dilo tsa boithamako?

2Dikgosi tsa lefatshe

di a ikemisa le babusi

ba nnela go logisanya maano

a go lwa le Morena

le Motlodiwa wa gagwe ba re:

3“A re kgaoleng dikgole tsa bone,

megala ya bone re e tlose

mo go rona, re e latlhe!”

4Ene yo o agileng mo legodimong

o a tshega,

Morena o a ba sotla.

5Foo o tla bua nabo

ka bogale jwa gagwe,

o tla ba tshosa

ka kgakalo ya gagwe:

6“Mme nna, kana ke tlhomile kgosi

ya me mo Sione,

mo thabeng ya me e e boitshepo!”

7Ke rata go bolela

ka ga maikaelelo a Morena.

O ntheile a re: “O morwaake,

ke go tsetse kajeno.

8Lopa mo go nna,

mme ke tla go naya merafe

go nna boswa jwa gago,

le dikhutlo tsa lefatshe

go nna leruo la gago.

9O tla ba robaganya

ka thobane ya tshipi;

o tla ba thubaganya

jaaka sejana sa letsopa.”

10Ka moo he, tlhalefang,

lona dikgosi;

tlhagisiwang,

lona baatlhodi ba lefatshe.

11Direlang Morena ka poifo,

lo duduetse ka thoromo.

12Atlang Morwa

gore a se ka a gakala,

mme lwa latlhega mo tseleng.

Gonne bogale jwa gagwe

bo ka akofa jwa tuka.

Go sego bona botlhe

ba ba mo ikanyang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help