DIPESALEME 58 - Setswana 1970(TSW70)

Go busolosa baatlhodi ba ba sa siamang

1Loboko lwa ga Dafita lo lo kwaletsweng moopedisi, lo lo opelwang ka moopelo wa: “O se ka wa senya”.

2Lona beng ba thata,

a ka nnete lo bua tsa tshiamo?

A lo sekisa bana ba batho

ka tlhamalalo?

3Nnyaya, lo akantse tshiamololo

mo dipelong;

lo lekanyetsa batho bokgopo

jwa diatla tsa lona mo lefatsheng.

4Baikepi ba sa le ba tenega

go tswa botsalong;

ba ba buang maaka ba ntse

ba timetse go tswa botsalong.

5Ba na le botlhole jo bo tshwanang

le botlhole jwa noga;

ba tshwana le lebolobolo

le le bosusu,

le le thibetseng ditsebe,

6le le sa reetseng mantswe a baloi,

le fa e le lentswe la moupi

yo o rutilweng tsa go upa.

7Modimo, roba meno a bona

mo melomong ya bona;

Morena, kgola meno a ditawana.

8A ba nyelele jaaka metsi a a elang,

a ya;

fa a hula metsu ya gagwe,

a e nne jaaka e e titinegileng.

9A ba tshwane le kgopa

e e gakologang e ntse e gagaba;

ba tshwane le sefolotsana

se se se kang sa bona letsatsi.

10E tla re dipitsa tsa lona di ise di

utlwe molelo wa setlhare sa mitlwa,

ledimo le se gogole,

se sa le setala gongwe

se setse se tuka.

11Mosiami o tla itumela,

fa a bona pusoloso;

o tla tlhapa dinao

mo mading a baikepi.

12Ke gona batho ba tla reng:

“Ruri, mosiami o bona tuelo;

ruri, Modimo o teng

o o atlholang batho

mo lefatsheng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help