JOBE 41 - Setswana 1970(TSW70)

1“A o ka goga kwena ka kobe

le go gatelela loleme lwa yona

ka lodi?

2A o ka tsenya mogala wa

motlhatlha mo nkong ya yona?

A o ka e phunya lesama ka kobe?

3A e ka go kokotlela thata?

Gongwe e bua nao ka boleta?

4A e ka dira kgolagano nao

gore o e tshole,

e nne motlhanka wa gago

ka metlha yotlhe?

5A o ka tshameka nayo

jaaka e kete ke nonyane?

A o ka e golegela basetsana

ba gago?

6A batshwari ba ditlhapi

ba ka e bapatsa

ba e kgaoganyetsa barekisi?

7A o ka tsepamisa marumo

mo letlalong la yona

gongwe dikobe tsa ditlhapi

mo tlhogong ya yona?

8Baya seatla sa gago mo go yona!

O gopole tlhabano!

Ga o kitla o dira gape.

9Bona, tsholofelo ya go

e tshwara e a aketsa;

motho o tla wa fela, fa a e bona.

10Ga go na ope yo o pelokgale

go ka e rumola!

Jaanong yo o ka emelanang

le nna ke mang?

11Ke mang yo o kileng

a nnaya sengwe,

yo ke ka mmusetsang?

Kana tse di fa tlase ga legodimo

lotlhe ke tsa me.

12Ga nkitla ke didimala

ka ga ditokololo tsa yona;

ke raya dithata tsa kwena

le bontle jwa popego ya yona.

13Ke mang yo o ka e apolang

letlalo?

Ke mang yo o ka tsenang

mo gare ga metlhagare

e mebedi ya yona e ntse e utlwa?

14Ke mang yo o ka bulang kgoro

ya legano la yona?

Meno a yona a boitshega

ka ntlha tsotlhe.

15Mokokotlo wa yona ke methalo

ya dithebe tsa makape;

a tshwaragantswe ka sekano

se se tiileng.

16Lengwe le pataganye

le le lengwe;

ga go tsene phefo

mo gare ga ona.

17Makape a ngaparelanye

a lomaganye;

ga a ka ke a patologana.

18Go ethimola ga yona

go phatsimisa lesedi;

dintshi tsa matlho a yona

di tshwana le mahube.

19Mo leganong la yona

go tswa dirumola;

go tswa ditlhase tsa molelo.

20Dinko tsa yona

di kua musi jaaka pitsa

e e bedisiwang ka molelo

wa metlhatlha.

21Pudulo ya yona e tukisa magala.

Kgabo ya molelo e tswa

mo leganong la yona.

22Thata e mo thamong ya yona;

poitshego e e etelela pele.

23Matlhakore a mmele wa yona a

ngaparelanye a tiile mo go yona;

ga a tshikinyege.

24Pelo ya yona e thata jaaka lefika;

e tiile jaaka lelwala.

25Fa e tsoga, go boifa dinatla,

di tlhakane tlhogo ka go rerega.

26Le fa motho a e rema ka tšhaka,

tšhaka ga e kgone sepe,

le fa e le lerumo gongwe motsu

gongwe selepe.

27Kwena e kaya tshipi bojang fela;

kgotlho e e kaya dikgong

tse di bodileng.

28Motsu ga o ka ke wa e tshabisa;

mafika a seragamajwe

ke dirite mo go yona.

29Molamu e o kaya dirite fela;

e tshega mosumo wa lerumo.

30Ka fa tlase e na le matlape

a a bogale;

e tlogela metlhala mo lorageng

jaaka selei se se phothang.

31E bedisa bodiba jaaka pitsa;

e hudua letsha jaaka go huduiwa

pitsana ya ditlhare.

32E phatsimisa metsi

fa morago ga yona;

motlhala wa yona o tshwana

le moriri o mmududu.

33Mo lefatsheng ga go na selekane

sa yona; e bopetswe go se boife.

34E lebile tsotlhe tse dikgolo

e sa boife,

ka yona e le kgosi ya dibata

tsotlhe tse di mabela.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help