MATHEO 25 - Setswana 1970(TSW70)

Setshwantsho sa makgarebe a a lesome

1“Motlhang oo puso ya magodimo e tla tshwana le makgarebe a a some, a a tsereng dipone tsa ona, a bolola, a ya go kgatlhantsha monyadi.

2A matlhano a ona a ne a le bosilo, a matlhano a le botlhale.

3A a bosilo, e rile a tsaya dipone tsa ona, a se ka a tsaya le lookwane.

4A a botlhale ona a tsaya lookwane ka medutwana mmogo le dipone tsa ona.

5Ya re monyadi a diega, otlhe a otsela, a robala.

6“Mo gare ga bosigo ga opiwa mokgosi ga twe: ‘Bonang, monyadi ke yo! Tswaang lo ye go mo kgatlhantsha!’

7Ke fa makgarebe ao a tsoga otlhe, a baakanya dipone tsa ona,

8mme a a bosilo a raya a a botlhale a re: ‘Re tsheleleng lookwane lo longwe lwa lona, gonne dipone tsa rona di a tima.’

9A a botlhale a araba a re: ‘Nnyaya, ga go ka ke ga lekana rona le lona; bogolo yaang go ba ba rekisang, lo ithekele.’

10Ya re a sa ile go reka, monyadi a tla; mme a a iketleeditseng a tsena nae mo moletlong wa nyalo, mme mojako wa tswalwa.

11“Morago makgarebe a mangwe le ona a tla a re: ‘Morena, Morena, re bulele!’

12Ene a araba a re: ‘Ammaaruri ke lo raya ke re: Ga ke lo itse.’

13“Ka moo he, itiseng! Gonne ga lo itse letsatsi, le fa e le nako e Morwa-Motho a tla tlang ka yona.

Setshwantsho sa ditalente(Luka 19:11-27)

14“Gonne go ntse jaaka monna yo o rileng a ya go eta, a bitsa batlhanka ba gagwe, a ba neela di-tsa-gagwe.

15A neela mongwe ditalente tse tlhano, yo mongwe tse pedi, yo mongwe e le nngwe fela, mongwe le mongwe ka fa nonofong ya gagwe; a ba a akofa a eta.

16Foo yo o amogetseng ditalente tse tlhano a ya a dira ka tsona, a bapala ditalente tse dingwe tse tlhano.

17Fela jalo le yo o amogetseng tse pedi a bapala tse dingwe tse pedi.

18Mme yo o amogetseng e le nngwe fela, a ya a epa fa fatshe, a fitlha madi a morena wa gagwe.

19“Morago ga sebaka se seleele morena wa batlhanka bao a boa, a tla go bona gore a ba dirile ka ditalente.

20Pele ga tla yo o amogetseng ditalente tse tlhano, a tsisa ditalente tse dingwe tse tlhano a re: ‘Morena, ò ne o nneetse ditalente tse tlhano; bona, ke bapetse ditalente tse dingwe tse tlhano ka tsona.’

21Morena wa gagwe a mo raya a re: ‘Ahee, ò motlhanka yo o siameng yo o ikanyegang; ò ne wa ikanyega mo go tse dipotlana, ke tla go laodisa tse dintsi; tsena mo boitumelong jwa morena wa gago.’

22“Le yo o amogetseng ditalente tse pedi a tla a re: ‘Morena, ò ne o nneetse ditalente tse pedi; bona, ke bapetse ditalente tse dingwe tse pedi ka tsona.’

23Morena wa gagwe a mo raya a re: ‘Ahee, ò motlhanka yo o siameng yo o ikanyegang; ò ne wa ikanyega mo go tse dipotlana, ke tla go laodisa tse dintsi; tsena mo boitumelong jwa morena wa gago.’

24“Yo o amogetseng talente e le nngwe fela a tla a re: ‘Morena, ke itsile gore ò motho yo o bogale, ka ò tle o robe kwa o sa jwalang teng, ò be o sele kwa o sa gasang teng;

25mme ke ne ka boifa, ka ya ka fitlha talente ya gago mo mmung; bona, sa gago ke se.’

26“Morena wa gagwe a mo fetola a re: ‘Motlhanka yo o bosula le botshwakga ke wena! A ò itsile gore ke roba kwa ke sa jwalang teng, ke be ke sele kwa ke sa gasang teng?

27Fa go ntse jalo, ò ne o tshwanetse wa bo o isitse madi a me kwa baatising ba ona, mme nna, mo go tleng ga me nka bo ke amogetse sa me ka koketsego.

28Jaanong mo tseeleng talente eo, lo e nee yo o nang le ditalente tse some.

29Gonne mongwe le mongwe yo o dirisitseng sengwe ka boikanyo o tla okelediwa, a ba a nna le letlotlo; mme yo o sa supeng boikanyo o tla amogwa le se o nang naso.

30Mme motlhanka yo o se nang molemo mo latlheleng kwa lefifing le le kwa ntlentle; go tla nna selelo le phuranyo ya meno teng.’

Bophelo jo bo sa khutleng le petso e e sa khutleng

31“E tla re Morwa-Motho a tla ka kgalalelo ya gagwe, baengele botlhe ba ba boitshepo ba na nae, a nne mo sedulong sa bogosi sa kgalalelo ya gagwe.

32Mme merafe yotlhe e tla phuthelwa fa pele ga gagwe. O tla ba tlhaola bangwe mo go ba bangwe, jaaka modisa a tlhaola dinku mo dipoding.

33Dinku o tla di baya ka fa letsogong le le jang la gagwe, mme dipodi ka fa go la molema.

34Jaanong kgosi e tla raya ba ba ka fa letsogong le le jang la yona e re: ‘Tlaang lona, batshegofadiwa ba ga Rre, lo rue boswa jwa puso e lo e baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe!

35Gonne ke ne ke tshwerwe ke tlala, lwa mpha dijo; ke ne ke nyorilwe, lwa nnosa; ke ne ke le moeng, lwa ntshola;

36ke ne ke sa apara, lwa nkapesa; ke ne ke lwala, lwa ntekola; ke ne ke le mo ntlong ya kgolegelo, lwa tla go nna.’

37“Foo basiami ba tla mo fetola ba re: ‘Morena, re go bonye leng, o tshwerwe ke tlala, mme ra go jesa, gongwe o nyorilwe, mme ra go nosa?

38Re go bonye leng, o le moeng, mme ra go tshola, gongwe o sa apara, mme ra go apesa?

39Re go bonye leng, o lwala, gongwe o le mo ntlong ya kgolegelo, mme ra tla go wena?’

40Kgosi e tla ba araba e re: ‘Ammaaruri ke lo raya ke re: Tsotlhe tse lo di diretseng mongwe wa bonnake ba babotlana ba, lo di ntiretse.’

41“Jaanong e tla raya ba ba ka fa letsogong la molema e re: ‘Tlogang fa go nna, bahutsiwa ke lona, lo ye kwa molelong o o sa khutleng, o o baakanyeditsweng Diabolo le baengele ba gagwe!

42Gonne ke ne ke tshwerwe ke tlala, lwa se ka lwa mpha dijo; ke ne ke nyorilwe, lwa se ka lwa nnosa;

43ke ne ke le moeng, lwa se ka lwa ntshola; ke ne ke sa apara, lwa se ka lwa nkapesa; ke ne ke lwala, e bile ke le mo ntlong ya kgolegelo, lwa se ka lwa ntekola.’

44“Foo le bone ba tla araba ba re: ‘Morena, re go bonye leng, ò tshwerwe ke tlala, gongwe ò nyorilwe, gongwe ò le moeng, gongwe ò sa apara, gongwe ò lwala, gongwe ò le mo ntlong ya kgolegelo, ra se ka ra go direla?’

45Foo o tla ba araba a re: ‘Ammaaruri ke lo raya ke re: Tsotlhe tse lo se kang lwa di direla mongwe wa ba babotlana ba, le nna ga lo a ka lwa di ntirela.’

46Mme ba tla tloga ba ya kwa petsong e e sa khutleng, basiami bone ba ya botshelong jo bo sa khutleng.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help