DOITERONOMIO 8 - Setswana 1970(TSW70)

Kaelo ya go re ba lebogele Modimo ditiro tsa lorato

1“Taelo yotlhe e ke e lo laelang gompieno lo e tlhokomele go dira ka yona gore lo tle lo phele, lo ate, lo fitlhe, lo rue lefatshe le Morena o le ikanetseng borraalona.

2Gopola tsela yotlhe e Morena, Modimo wa gago, o go tsamaisitseng mo go yona dinyaga tse di 40 kwa sekakeng gore a tle a go kokobetse, a go leke, a itse tse di mo pelong ya gago gore a o tla tlhokomela ditaolo tsa gagwe gongwe nnyaya.

3O ne a go kokobetsa, a go bolaisa tlala, a ba a go otla ka Mmana o o neng o sa o itse le e seng borraeno, e le go re a go lemotshe gore motho ga a phele ka dijo di le tsosi fela, mme motho o phela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa Morena.

4Diaparo tsa gago ga di a ka tsa go onalela le dinao tsa gago ga di a ka tsa ruruga dinyageng tsotlhe tse di 40.

5Lemoga he mo pelong ya gago, fa Morena, Modimo wa gago, a go godisa jaaka monna a godisa morwawe,

6o tlhokomele ditaolo tsa Morena, Modimo wa gago, ka go sepela mo ditseleng tsa gagwe le ka go mmoifa.

7Gonne Morena, Modimo wa gago, o tla go isa kwa lefatsheng le lentle kwa lefatsheng la dinokana tsa metsi le metswedi le metlhodi e e elang mo teng ga lefatshe, e e tswelang mo melapong le kwa dithabeng,

8kwa lefatsheng la korong le garase le meweine le difeie le digaranata, kwa lefatsheng la ditlhare tsa lookwane tsa olefa le dinotshe.

9Ke lefatshe le o se kitlang o ja dijo mo go lone ka thekisego; ga o kitla o tlhoka sepe mo go lone. Ke lefatshe le mafika a lone e leng ntswetshipi, le o tla epang kgotlho mo dithabeng tsa lone.

10Mme e re o ja o kgora, o tumise Morena, Modimo wa gago, ka ntlha ya lefatshe le lentle le o le go neileng.

Tlhagiso ya go re Baiseraele ba se lebale Morena

11“Itise gore o se lebale Morena, Modimo wa gago, ka go tlhokomologa ditaolo tsa gagwe le ditshiamelo tsa gagwe le melao ya gagwe tse ke di go laelang gompieno.

12E se ka ya re fa o ja, o kgora, o aga matlo a mantle, o nna mo go ona,

13dikgomo tsa gago le difutshane di ata, le selefera le gouta di go ntsifalela, le tsotlhe tse o nang natso di ntsifala,

14pelo ya gago ya ikgogomosa, mme wa lebala Morena, Modimo wa gago, yo o go ntshitseng kwa lefatsheng la Egepeto mo ntlong ya botlhanka;

15yo o go tsamaisitseng mo sekakeng se segolo se se boitshegang, kwa go leng dinoga tse di bogale teng le diphepheng, le naga e e omeletseng e e se nang metsi; yo o neng a go ntshetsa metsi mo lefikeng le le thata;

16yo o neng a go jesa Mmana mo sekakeng, o borraeno ba neng ba sa o itse gore a go kokobetse le go go leka gore a tle a go direle tse di molemo kwa bofelong.

17Go seng jalo o ne o tla bua mo pelong ya gago o re: ‘Thata ya me le nonofo ya seatla sa me ke tsona tse di ntiretseng khumo eo.’

18Mme o gopole Morena, Modimo wa gago; gonne ke ene yo o go nayang thata go ka bona khumo gore a tlhomamise kgolagano ya gagwe e e ikanetseng borraeno jaaka go dirafetse kajeno.

19Mme fa lo ka lebala Morena, Modimo wa lona, tota, lwa latela medimo e sele, lwa e direla, lwa e obamela, gona ke lo tlhomamisetsa kajeno gore lo tla latlhega ruri;

20lo tla latlhega jaaka ditšhaba tse Morena o tla di latlhang fa pele ga lona ka lo se ka lwa utlwa lentswe la Morena Modimo wa lona.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help