JEREMIA 22 - Setswana 1970(TSW70)

Ka ga kgosi ya Juta

1 Morena o bua jaana a re: “Fologela kwa ntlong ya kgosi ya Juta, o bue gona lefoko le

2ò re: ‘Utlwa Lefoko la Morena, wena kgosi ya Juta, yo ò ntseng mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita, wena le batlhanka ba gago ba ba tsenang ka dikgoro tse:

3Morena o bua jaana a re: Dirang ka tshiamo le ka molao, lo golole yo o thukhuthilweng mo diatleng tsa mogateledi. Lo se ka lwa senyetsa baeng le masiela le batlholagadi, se ba gateleleng le e seng go tsholola madi a a se nang molato mo felong fano.

4Gonne fa lo dira tseo ka nnete, dikgosi tse di ntseng mo sedulong sa bogosi sa ga Dafita di tla tsena ka dikgoro tsa ntlo e, di palame dikoloi le dipitse, tsona le batlhanka ba tsona le morafe wa tsona.

5Mme fa lo sa utlwe mafoko a, gona ke ikanne ka nna ka re: Ntlo e ya borena e tla nna lesope fela. Morena o buile jalo.’ ”

6 Morena o bua jaana ka ga ntlo ya kgosi ya Juta a re: “O Gileate mo go nna le setlhoa sa Lebanone. Ruri, ke tla go dira sekaka sa metse e e se nang banni.

7Ke tla go romela basenyi, mongwe le mongwe a tshotse dibolai tsa gagwe, gore ba reme mesetere e mentlentle ya gago, ba e latlhele mo molelong.

8“Jaanong e tla re fa ditšhaba tse dintsi di feta fa motseng o, di botsana di re: ‘Motse o mogolo o Morena o o diretse jalo ka ntlhaang?’

9di bolelelwe go twe: ‘Ke ka gore ba ne ba tlogetse kgolagano ya Morena, Modimo wa bone, ba obamela medimo e sele, ba e direla.’ ”

Ka ga kgosi Sadume

10Se leleleng moswi,

se mo hutsafaleleng!

Bogolo lelelang yo o tsamaileng!

Gonne ga a kitla a tlhola a boa,

le e seng go bona lefatshe

la ga gabo gape.

11Gonne Morena o bua jaana ka ga Sadume, morwa Josia, kgosi ya Juta, yo o busang boemong jwa ga Josia rraagwe, yo o tlogileng mono, a re: “Ga a kitla a tlhola a boela kwano.

12Mme o tla swela mo felong kwa ba mo isitseng teng mo botshwarong; ga a kitla a tlhola a bona lefatshe leno.”

Ka ga kgosi Joyakime

13“A tatlhego ya gagwe wee

yo o agang ntlo ya gagwe

ka bokgopo le matlwana a gagwe

a a tlhatlaganyeng

ka tshiamololo,

yo o direlwang

ke mongwe-ka-ene lefela,

a sa mo nee tuelo ya gagwe.

14Yo o reng, ke tla ikagela ntlo

e kgolo le matlwana

a a kwa godimo a a atlhameng;

yo o itirelang difenstere

tse dikgolo,

a e manega dipati tsa mesetere,

a e hubitsa ka letsoku.

15A o ithaya o re, ke jona bogosi,

fa o tlhoafala go aga ka mesetere?

Rraago a ga a ja, a ga a nwa?

Mme a dira ka tshiamo

le ka molao;

ka moo a phela sentle.

16O ne a atlholela mmogisegi

le mohumanegi ka tshiamo;

ka moo ga phelwa sentle.

A ga se gona go nkitse?”

go botsa Morena.

17“Mme matlho a gago

le pelo ya gago

di batla kgwebo ya gago

ya tshiamololo fela,

le go tsholola madi

a a se nang molato,

le go gatelela le go patika.”

18Ke gona ka moo Morena

o buang jaana ka ga Joyakime,

morwa Josia, kgosi ya Juta, a re:

“Ga ba kitla ba mo hutsafalela

ba re:

‘Ijoo, morwa-rraetsho!’

Gongwe: ‘Ijoo, kgaitsadia-rona!’

Ga ba kitla ba mo lelela ba re:

‘Ijoo, morena!’ Gongwe:

‘Ijoo, kgalalelo ya gagwe!’

19O tla fitlhwa

jaaka go epelwa esele;

ba tla mo goga fa fatshe,

ba mo latlhela kgakala le dikgoro

tsa Jerusalema.”

Ka ga Mošate

20“Tlhatlogela kwa godimo

ga Lebanone o goe;

o utlwatse lentswe mo Basane!

Ee, goa o le mo dithabeng

tsa Abarime,

gonne baratiwa botlhe ba gago

ba robagantswe.

21Ke buile nao,

fa o sa ntse o phela sentle,

mme wa re:

‘Ga ke rate go utlwa.’

Ke ona mokgwa wa gago

go tswa bonyaneng jwa gago:

O ne o ntse ò sa utlwe

lentswe la me.

22Phefo e tla gogola badisa botlhe

ba gago,

baratiwa ba gago

ba tla ya mo botshwarong.

Ee, foo o tla tlhajwa ke ditlhong,

o swaba ka ntlha ya bosula jotlhe

jwa gago.

23Wena yo o ntseng mo Lebanone,

yo o ikagetseng sentlhaga

mo mesetereng,

o tla tlhomola pelo jang,

fa o tlelwa ke metlotsedi,

fa o le botlhokong jaaka mosadi

yo o belegang.

Ka ga kgosi Gonya

24“Ka bophelo jwa me,” go bua Morena, “le fa Gonya, morwa Joyakime, kgosi ya Juta, e ka bo e le palamonwana e e kanang mo seatleng sa me se se jang, ke tla go somola,

25ke go neela mo diatleng tsa ba ba ratang go go bolaya, mo diatleng tsa ba o ba boifang, e bong mo diatleng tsa ga Nebukatenesare, kgosi ya Babele, mo diatleng tsa Bakalatea.

26Mme wena le mmaago yo o go belegeng ke tla lo latlhela kwa lefatsheng le sele le lo sa tsalelwang mo go lone; lo tla swela teng.

27Mme lefatshe le ba tlhologeletsweng go boela kwa go lone ga ba kitla ba boela gona.”

28A Gonya, monna yoo, ke sebopiwa se se nyatsegang se se pšhwetlakanngwang? Gongwe a ke nkgo e e sa kgatlheng ope? Ke ka ntlhaang, fa ene le ba losika lwa gagwe ba konopelwa, ba latlhelwa kwa lefatsheng le ba sa le itseng?

29Ao! Lefatshe! Lefatshe!

Lefatshe!

Utlwa Lefoko la Morena!

30 Morena o buile a re:

“Kwalang ka ga monna yoo

lo re: ‘Ga a na bana;

ga se monna yo o tlhogonolo

mo malatsing a gagwe.

Gonne ga go na ope

wa losika lwa gagwe

yo o tla bonang letlhogonolo

la go nna mo sedulong

sa bogosi sa ga Dafita,

la go busa Juta gape.’ ”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help