JOELE 3 - Setswana 1970(TSW70)

Morena

o tla atlhola baba ba gagwe

1“Gonne bonang, e tla re mo

malatsing ao le ka sebaka seo,

fa ke busa ba Juta le Jerusalema

kwa tatlhegong,

2ke kgobokanye ditšhaba tsotlhe,

ke ba folosetse kwa mokgatsheng

wa ga Josafate,

ke sekise merafe teng foo

ka ntlha ya morafe wa me

le boswa jwa me,

e leng Iseraele,

ka ba ba phatlaladitse

mo ditšhabeng,

ba abelana lefatshe la me.

3Ba tlhamela morafe wa me

tengwa,

ba tsaya mosimane,

ba duela seaka ka ene;

ba rekisa mosetsana

ka ntlha ya weine gore ba nwe.

4“Le lona ba Tiro le Sitone le ba dinaga tsotlhe tsa Bafelesita, lo na le kgang efe le nna? A lo rata go mpusetsa se lo se diretsweng, gongwe a lo rata go ntirela bosula? Ke tla busolosetsa ditiro tsa lona mo ditlhogong tsa lona ka bofefo le ka bonako.

5Gonne lo tsere selefera ya me le gouta ya me le mahumo a mantle a me, lwa di isa kwa ditempeleng tsa lona.

6Le gona lo rekisitse bana ba Juta le ba Jerusalema mo Bagerikeng, e le gore lo ba katoganye thata le lefatshe la ga bone.

7Bonang, ke tla ba tsosa gore ba boe mo felong kwa lo ba rekiseditseng teng, ke lo busolosetsa ditiro tsa lona mo ditlhogong tsa lona.

8Mme bomorwaa-lona le bomorwadia-lona ke tla ba rekisa mo Bajuteng, mme bone ba tla ba rekisa mo go Baseba, setšhaba se se kwa kgakala;” gonne Morena o buile jalo.

9Tlhabang mokgosi

mo ditšhabeng o o reng:

Ipaakanyetseng ntwa,

tsosang diganka,

atamelang lo bolole,

lona batlhabani botlhe.

10Thulang megoma ya lona,

e nne ditšhaka,

lo fetole dithipa tsa lona

marumo;

yo o bokoa a a bue a re:

“Ke seganka!”

11Itlhaganeleng lo tle kwano,

lona ditšhaba tsotlhe

tse di mo tikologong,

lo kgobokaneng!

Morena,

folosetsa bagale ba gago teng!

12“A ditšhaba di nanoge,

di ye kwa mokgatsheng

wa ga Josafate;

gonne teng koo ke tla nnela

go atlhola ditšhaba tsotlhe

tse di mo tikologong.

13Tsenyang sekele,

gonne mabele a budule;

tlaang lo gateng,

gonne segatelo se tletse,

ditlhotlhelo di a penologa;

gonne bosula jwa bone

bo bogolo.”

14A bontsintsi jwa batho

mo mokgatsheng wa katlholelo!

Gonne go atametse

letsatsi la Morena

mo mokgatsheng wa katlholelo.

15Letsatsi le ngwedi

di tla bo di fifetse;

dinaledi di gonyeditse

phatsimo ya tsona.

Modimo o tla tshegofatsa morafe wa gagwe

16Mme Morena o tla duma

go tswa Sione,

a dumisa kodu ya gagwe

go tswa Jerusalema,

mo go tla bong go rorome

legodimo le lefatshe.

Mme Morena ke botshabelo

jwa morafe wa gagwe

le kago ya phemelo ya Baiseraele.

17“Mme lo tla itse,

fa ke le Morena,

Modimo wa lona,

yo ke agileng mo Sione

mo thabeng e e boitshepo ya me;

foo Jerusalema e tla nna

felo fa go boitshepo;

ga go kitla go tlhola

go ralalwa ke baeng.

18“Ka letsatsi leo dithaba

di tla rotha matute a moweine,

dithabana di ela mašwi;

dinokana tsotlhe tsa Juta

di ela metsi,

mme motswedi o tla tswela

mo Ntlong ya Morena,

o nosetsa mokgatsha wa Sitime.

19“Egepeto o tla fetoga sekaka,

Etomo a fetoga naga

e e senyegileng

ka ntlha ya setlhogo

se ba se dirileng mo Bajuteng,

ka ba tsholotse madi a a se nang

molato mo lefatsheng la bone.

20Mme Juta o tla nna le batho

ka go sa feleng,

le Jerusalema jalo

mo ditshikeng tsotlhe.

21Madi a bone ke tla a kaya

a a se nang molato,

le fa ke a bonye molato pele.

Mme Morena o tla agela ruri

mo Sione.”

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help