DIPESALEME 23 - Setswana 1970(TSW70)

Morena

ke modisa wa me

1Pesalome ya ga Dafita.

Morena ke modisa wa me,

ga nkitla ke tlhoka sepe.

2O mpothisa mo mafulong

a matalana,

o nkgogela kwa metsing a tapoloso.

3O lapolosa mowa wa me;

o ntsamaisa mo ditseleng

tsa tshiamo

ka ntlha ya leina la gagwe.

4Le fa ke tsamaya mo mogorogorong

wa moriti wa loso,

ga nkitla ke boifa bosula bope;

gonne o na le nna.

Tsamma ya gago

le seikokotlelo sa gago

di a nkgomotsa.

5O baakanya bojelo fa pele ga me

go lebagana le baba ba me;

o ntlotsa tlhogo ka lookwane;

senwelo sa me se tletse,

se a penologa.

6Ruri molemo le boitshwarelo

di tla ntshala morago

ka malatsi otlhe a bophelo jwa me;

ke tla nna mo Ntlong ya Morena

go ya bosakhutleng.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help