JESAYA 64 - Setswana 1970(TSW70)

1Ao! O ka bo o phantsha legodimo, o fologa gore dithaba di reketle fa pele ga gago!

2jaaka molelo o tshuma ditlhotlhetso, jaaka molelo o bedisa metsi; e le go itsise baba ba gago leina la gago gore ditšhaba di tetesele fa pele ga gago,

3motlhang o dirang dilo tse di boitshegang tse re sa di lebelelang. – O ka bo o fologa gore dithaba di reketle fa pele ga gago! –

4Go tswa bogologolo ga ba ise ba di utlwe! Ga go na tsebe e e utlwileng, ga go na leitlho le le bonyeng modimo o mongwe kwa ntle ga gago, o o direlang ba ba o solofelang.

5O kgatlhantsha yo o dirang ka tshiamo a thabile, yo o go gopolang mo ditseleng tsa gago. Bona, wena o ne o le bogale, mme ra leofa, ra ineela maleo sebaka. A re tla pholosiwa?

6Re ne ra nna rotlhe jaaka yo o sa itshekang; ditiro tse di siameng tsotlhe tsa rona tsa nna jaaka diaparo tse di maswe; ra omelela rotlhe jaaka matlhare. Molato wa rona wa re gogola jaaka phefo.

7Go ne go se na ope yo o go rapelang, le fa e le yo o itsosang gore a itshwarelele mo go wena; gonne o ne o re subetse sefatlhego sa gago, wa re nyeletsa ka molato wa rona.

8Mme jaanong, Morena, o rraarona, rona re letsopa, wena o Mmopi wa rona; rona rotlhe re tiro ya seatla sa gago.

9Morena, se nne bogale thata thata, se gopole molato wa rona ka metlha yotlhe! A ko o bone gore re morafe wa gago rotlhe!

10Metse e e boitshepo ya gago e fetogile marope, Sione a ntshiwa sekaka, Jerusalema a nna senya.

11Ntlo e e Boitshepo e e galalelang ya rona, e borraetsho ba neng ba go baka mo go yona e fisitswe ka molelo. Dilo tsotlhe tse re neng re di rata thata di fetogile thotobolo fela.

12Ao! Morena! Fa o bona dilo tseo, a o tla tlhokomologa fela, o didimala, o re bogisa go feta tekanyo?

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help