GENESI 49 - Setswana 1970(TSW70)

Jakobe o tshegofatsa bomorwawe

1Jaanong Jakobe a bitsa bomorwawe a re:

“Phuthegang gore ke lo bolelele

tse di tla lo dirafalelang

mo metlheng e e tlang.

2Kgobokanang lo utlwe,

lona bomorwa Jakobe!

Reetsang Iseraele, rraeno!

3Rubene, o morwaake yo mogolo,

o thata ya me,

o wa ntlha wa nonofo ya me.

O gaisa ba bangwe ka bogolo;

o phala ba bangwe ka bonatla.

4O huhula jaaka metsi.

Ga o kitla o nna yo mogolo;

ka gonne o kile wa palama

mo bolaong jwa ga rraago,

wa bo itshekolola.

Wa palama

mo marobalong a me.

5Simeone le Lefi

ke bana ba motho.

Dibolai tsa bone

ke tse di setlhogo.

6A mowa wa me o se ka wa tsena

mo lekgotleng la bone;

a tlotlo ya me e se ka ya kopana

le phuthego ya bone.

Gonne ba bolaile banna

ka bogale jwa bone;

ba golafatsa dipoo ka bomo.

7A go hutsiwe bogale jwa bone,

ka bo tuka thata,

le kgalefo ya bone,

ka e le setlhogo.

Ke tla ba kgaoganya

mo go Jakobe,

ke ba phatlalatsa

mo go Iseraele.

8Juta ke wena,

bomorwa-rraago ba tla go boka.

Seatla sa gago se tla nna

mo thamong tsa baba ba gago.

Bomorwa-rraago

ba tla ikoba fa pele ga gago.

9Juta ke tawana; o tlhatlogile,

morwaaka, o tswa thopong.

A inama, a botha jaaka tau

le jaaka tau e namagadi.

Ke mang yo o ka mo tshosang?

10Thobane ya bogosi

ga e kitla e tloga mo go Juta

le e seng lore lwa mmusi

fa gare ga dinao tsa gagwe

go fitlhelela go be go tle Silo.

Ene merafe e tla mo utlwa.

11O bofelela eselana ya gagwe

mo setlhareng sa moweine

le ngwana wa esele e namagadi

ya gagwe mo go sa moweine

se se tlhaotsweng.

Seaparo sa gagwe o se tlhatswa

ka weine le kobo ya gagwe ka

matute a maungo a moweine.

12Matlho a gagwe

a leoto ka weine;

o sweufetse meno ka mašwi.

13Sebulone o tla nna fa losing

lwa lewatle,

ene o fa magorogelong a mekoro.

Letlhakore la gagwe

le kopana le naga ya Sitone.

14Isašare ke esele ya marapo

a a thata,

o botha mo gare ga maraka.

15A fitlhela boikhutso bo le

monate le lefatshe le le lentle;

a oba legetla la gagwe go rwala,

a nna motlhanka yo o

kgethisiwang.

16Dane o tla emela tshiamo mo

morafeng wa gagwe jaaka longwe

lwa ditso tsa Iseraele.

17A Dane a nne noga mo tseleng

le mokwepa mo tselaneng

o o lomang pitse diretheng

gore mopalami wa yona

a wele kwa morago.

18 Morena, ke lebeletse

pholoso ya gago.

19Gate – setlhopha sa dinokwane

se tla mo pitlaganya,

mme ene o tla pitlaganya direthe

tsa bone.

20Asere – dijo tsa gagwe di

mafura;

ene o tsisa menate ya dikgosi.

21Nafetale ke phala e namagadi

e e gololegileng;

o utlwatsa bontle jwa mafoko.

22Josefa ke setlhare se senana

se se ungwang,

ke setlhare se senana

se se fa motsweding.

Dikala tsa sona di golela godimo

ga lorako.

23Ba ba hulang metswi

ba ne ba mo tlhasela,

ba mo hula, ba mo lwantsha.

24Mme bora jwa gagwe jwa nna

bo tiile,

mabogo le diatla tsa gagwe

di le bobebe ka thuso

ya Mothata wa ga Jakobe,

e e tswang mo go yo e leng

Modisa wa ga Iseraele le lefika

la gagwe;

25e e tswang mo Modimong

wa ga rraago – a o go thuse!

le mo go Mong-wa-thata-yotlhe –

a a go tshegofatse

ka ditshegofatso

tsa legodimo kwa godimo,

le ka ditshegofatso tsa bodiba

jo bo leng kwa tlase

le ka ditshegofatso

tsa mabele le letsalo.

26Ditshegofatso tsa ga rraago

di feta ditshegofatso tsa dithaba

tse di sa khutleng le mokgabo

wa dithabana tse di sa khutleng.

A di tle mo tlhogong

ya ga Josefa

le mo phogong ya motlotlegi

wa bomorwa-rraagwe.

27Benyamene ke phiri

e e garolang.

O ja thopo mo mosong,

maitsiboa a abele

se se thukhuthilweng.”

28Botlhe bao ke bone ditso di le 12 tsa Iseraele, ke tsona tse rraabo o di ba boleletseng, fa a ba tshegofatsa mongwe le mongwe ka tshegofatso ya gagwe; a ba tshegofatsa jalo.

Loso lwa ga Jakobe le phitlho ya gagwe

29A ba a ba laela, a ba raya a re: “E re ke sena go bilediwa kwa morafeng wa ga etsho, lo mphitlheng fa go borre mo logageng lo lo mo tshimong ya ga Eferone wa Mohethe

30mo logageng lo lo mo tshimong ya Makapela e e mo ntlheng ya botlhabatsatsi ya Mamere mo lefatsheng la Kanana, e bong tshimo ele e Aborahame o neng a e reka mo go Eferone wa Mohethe go nna mabitla a losika lwa gagwe.

31Gona foo ba fitlhile Aborahame le Sara mosadi wa gagwe; gona foo ba fitlhile Isaka le Rebeka mosadi wa gagwe; gona foo ke fitlhile Lea

32mo tshimong e e nang le logaga e e rekilweng mo go Bahethe.”

33Jaanong ya re Jakobe a sena go fetsa go laela bomorwawe, a busetsa maoto a gagwe mo bolaong, a swa, a bilediwa kwa bathong ba ga gabo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help