DIPESALEME 24 - Setswana 1970(TSW70)

Kgosi ya kgalalelo e a tsena

1Pesalome ya ga Dafita.

Lefatshe ke la Morena

le tsotlhe tse di mo go lone;

lefatshe

le ba ba agileng mo go lone.

2Gonne o le theile mo mawatleng,

a le tlhomamisa mo dinokeng.

3Ke mang yo o tla tlhatlogelang

mo thabeng ya Morena?

Ke mang yo o tla emang

mo felong ga gagwe ga boitshepo?

4Ke ena yo o diatla di phepa,

yo o pelo e itshekileng;

yo o sa lebiseng mowa wa gagwe

kwa boithamakong,

a sa ikanele maaka.

5Ena yoo o tla amogela tshegofatso

mo Moreneng

le tshiamo mo Modimong

wa pholoso ya gagwe.

6Ke lone losika

lwa ba ba o tlhokomelang,

ba ba batlang sefatlhego sa gago,

Modimo wa ga Jakobe. Sela.

7Lona dikgoro, tsholetsang ditlhogo;

lona mejako ya bogologolo tala,

itsholetseng gore

Kgosi ya kgalalelo e tsene.

8Mme Kgosi ya kgalalelo ke mang?

Ke Morena yo o thata,

yo o bonatla,

Morena, senatla mo tlhabanong.

9Lona dikgoro,

tsholetsang ditlhogo,

ee, itsholetseng,

lona mejako ya bosakhutleng,

gore Kgosi ya kgalalelo e tsene.

10Mme Kgosi eo ya kgalalelo

ke mang?

Ke Morena wa masomosomo –

ke ena Kgosi ya kgalalelo. Sela.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help