DIPESALEME 128 - Setswana 1970(TSW70)

Lesego la go boifa Modimo

1Sefela sa go ya Tempeleng.

Go sego mongwe le mongwe

yo o boifang Morena,

yo o tsamayang

mo ditseleng tsa gagwe.

2Ruri,

o tla ja tsa tiro ya diatla tsa gago.

O letlhogonolo! O tshela sentle.

3Mosadi wa gago o tshwana

le moweine o o ungwang,

a le mo teng ga ntlo ya gago.

Bana ba gago ba ntse jaaka

matlhogela a motlhware,

ba dikanyeditse bojelo jwa gago.

4Bona, monna yo o boifang

Morena,

ruri o tla tshegofadiwa jalo.

5A Morena a go tshegofatse

a le mo Sione,

gore o bone letlhogonolo

la Jerusalema ka malatsi otlhe

a bophelo jwa gago,

6o be o bone le bana ba bana

ba gago!

A kagiso e nne le Iseraele!

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help