1Ke fa Asaria morwa Otete a tsenwa ke Mowa wa Modimo,
2a tswa go kgatlhantsha Asa, a mo raya a re: “Ntheetsang, wena Asa le lona Bajuta le Babenyamene lotlhe: Morena o na le lona, fa lona lo na nae. Fa lo mmatla, lo tla mmona. Mme fa lo mo tlogela, o tla lo tlogela.
3Ke malatsi a mantsi Baiseraele ba ntse ba se na Modimo wa nnete, le e seng moperesiti yo o ba rutang le e seng molao.
4Mme e ne ya re ba boela kwa Moreneng, Modimo wa Iseraele, ba le mo tlalelong, ba mmatla, ba mmone.
5Metlheng eo ba ba bololang le ba ba gorogang ba tlhoke kagiso; gonne ditherego tse dikgolo di ne di imela baagi botlhe ba mafatshe.
6Setšhaba se bolawe ke setšhaba se sengwe le motse ke motse o mongwe, ka Modimo o ne o ba reregisa ka tlalelo ya mefutafuta.
7Mme lona, tiang lo tsenye marapo dinameng; gonne tuelo ya tiro ya lona e teng.”
8E rile Asa a utlwa mafoko ao le thero ya ga Asaria morwa Otete moporofeti, a itshupa a tiile, a tlosa medimo e e maila mo lefatsheng lotlhe la Juta le la Benyamene le mo metseng e o neng a e thopile kwa dithabeng tsa Eferaime; a ba a ntšhwafatsa aletare ya Morena e e neng e le fa pele ga matseno a Tempele ya Morena.
9A ba a phutha Bajuta botlhe le Babenyamene le baeng ba ba nang nabo, ba tswa kwa go Eferaime le Manase le Simeone; gonne bontsi jwa Baiseraele bo ne bo ngwegetse kwa go ene, ka ba bona Morena, Modimo wa gagwe, o na nae.
10Mme ba phuthegela kwa Jerusalema kgweding ya boraro ya ngwaga wa 15 wa puso ya ga Asa,
11ba direla Morena ditlhabelo ka letsatsi leo tsa thopo e ba boileng nayo, e bong dikgomo di le 700 le difutshane di le 7 000.
12Ba ipofa ka maikano a gore, ba tla batla Morena, Modimo wa borraabo, ka pelo yotlhe le ka mowa otlhe
13le a gore, mongwe le mongwe yo o sa batleng Morena, Modimo wa Iseraele, a bolawe, yo mmotlana gongwe yo mogolo, monna gongwe mosadi.
14Ba ikanela Morena jalo ka lentswe le legolo le ka tuduetso le ka diphala le dinaka.
15Bajuta botlhe ba itumelela maikano ao; gonne ba ne ba ikanne ka pelo yotlhe, ba mmatlile ka thato yotlhe, mme ba mmona; Morena a ba naya boikhutso tikologong.
16Asa a koba Maaga mmaagwe, a mo ntsha mo bohumagading, ka a diretse Ašera setshwantsho se se maswe; Asa a se pšhwetlakanya, a se fisa nokaneng ya Kiterone.
17Le gale dithota tsa tlhabelo tsa se ka tsa tlosiwa mo Iseraeleng; fela pelo ya ga Asa e ne e se na molato ka malatsi otlhe a gagwe.
18Le gona a tsenya dineo tse di boitshepo tsa ga rraagwe le dineo tse di boitshepo tsa gagwe mo Ntlong ya Modimo, e bong selefera le gouta le dilwana.
19Mme go ne go se na ntwa go fitlhelela ngwageng wa 35 wa puso ya ga Asa.
Who We AreWhat We EelieveWhat We Do
2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.