JEREMIA 12 - Setswana 1970(TSW70)

Ke ka ntlhaang, fa baikepi ba bona letlhogonolo?

1 Morena,

o tshiamo fa ke seka nao.

Fela ke batla go go botsa

kgang ya tsheko ke re:

Ke ka ntlhaang, fa tsela

ya baikepi e le letlhogonolo?

Fa botlhe ba ba dirang

ka bolotsana ba phela ba iketlile?

2O ba tlhomile,

ba bile ba namile medi;

ba a gola,

le gona ba ungwa maungo.

O gaufi mo melomong ya bone,

mme o kgakala

le dipelo tsa bone.

3Mme wena Morena, o a nkitse,

o a mpona;

o tlhatlhoba pelo ya me

gore e go lebile jang. –

Ba swatolele kwa tlhabong

jaaka dinku!

Ba tlhaolele letsatsi la polao!

4Lefatshe le tla hutsafala

le morogo wa naga yotlhe

o tla omelela go fitlha leng?

Diphedi le dinonyane di nyelela

ka ntlha ya bokgopo

jwa ba ba agileng mo go lone.

Gonne ba re:

“Ga a kitla a bona

bokhutlo jwa rona.”

5 Morena a mo araba a re:

“Fa o siana le ba ba tsamayang

ka maoto, ba a go lapisa.

Jaanong o ka phadisanya jang

le dipitse?

Fa o sa iketle

mo lefatsheng la kagiso,

o tla dira eng mo sekgweng

se segolo sa Joretane?

6Ee, bomorwa-rraago

le ba ntlo ya ga rraago le bone

ba go diretse ka bolotsana.

Le bone ba a go kgoba,

o sena go ba hularela.

O se ka wa ba ikanya,

le fa ba bua tse di molemo nao!”

Selelo sa Modimo

7“Ke tlogetse Ntlo ya me,

ka tlhoboga boswa jwa me;

moratiwa wa mowa wa me

ka mo neela mo diatleng

tsa baba ba gagwe.

8Boswa jwa me

bo mphetogetse tau

e e mo sekgweng e e mpôpelang;

ka moo ka bo tlhoa.

9A boswa jwa me ke morubisi

o o mebalabala

o bomankgodi ba o tlhaselang

go tswa ntlheng tsotlhe?

Tlayang lo kgobokanye

dibata tsotlhe tsa naga!

A di tle dijong!

10Badisa ba bantsi ba sentse

tshimo ya me ya moweine;

ba gatakile boswa jwa me,

ba tubaka tshimo

e ke e itumelelang;

11ba e fetola sekaka.

E a nkhutsafalela e le senya.

Lefatshe lotlhe

le ntshitswe sekaka,

gonne ga go na ope

yo o tsibogang pelo.

12Basenyi ba fitlhile

mo dithabaneng tsotlhe

se di iphotlhereng tsa naga.

Gonne tšhaka ya Morena

e ntse e ja lefatshe lotlhe,

go tswa mo ntlheng e nngwe

go ya mo ntlheng e nngwe,

go se na motho ope

yo o leng mo kagisong.

13Ba jwetse mabele,

ba roba mitlwa.

Ba itapisitse,

mme go sa ba thuse sepe.

Tlhajwang ke ditlhong ka kotulo

ya lona ka ntlha ya bogale

jo bo tukang jwa Morena.”

Mafoko a Modimo ka ga merafe e e bapileng le Baiseraele

14 Morena o buile jaana a re: “Merafe yotlhe e e bapileng le nna e e bosula e e amang boswa jo ke bo abetseng Iseraele, morafe wa me, bonang, ke tla e kumola mo dinageng tsa yona, le Bajuta ke tla ba kumola mo gare ga yona.

15Mme e tla re ke sena go e kumola, ke e tlhomogele pelo gape, ke e busetse, mongwe le mongwe kwa bosweng jwa ona le mongwe le mongwe kwa lefatsheng la ona.

16Mme e tla re fa ba ithuta ditsela tsa morafe wa me tota gore ba ikane ka leina la me ba re: ‘Ka bophelo jwa Morena!’ jaaka ba rutile morafe wa me go ikana ka Baale, foo ba tla agisiwa mo gare ga morafe wa me.

17Mme fa ba gana go utlwa, morafe o o ntseng jalo ke tla o kumolela ruri, ke o nyeletsa.” Morena o buile jalo.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help