JOBE 30 - Setswana 1970(TSW70)

1“Mme kajeno ke tshegwa ke ba

e leng ba bašwa mo go nna;

bao borraabo ke neng ke nyatsa

go ba kopanya le dintšwa

tsa letsomane la me.

2Le gona thata ya diatla tsa bone

e ne e ka nthusa eng,

ka ba ne ba senyegetswe

ke thata ya bonna jwa bona?

3Ba fedisitswe ka go tlhoka

le ka tlala;

maabane ba ne ba phura mo

nageng e e omeletseng ya sekaka.

4Ba tle ba kgetle morogo

o o letswai mo ditlhatshaneng;

modi wa motlopi

ke dijo tsa bone.

5Ba lelekwe mo gare ga batho,

ba tlhabelwe mokgosi

jaaka legodu.

6Ba na le go nna mo

megorogorong e e boitshegang

le mo meoleng ya lefatshe

le mo dikgageng.

7Ba kue ba le mo gare

ga ditlhatshana,

ba kgobokane fa tlase ga bogopa.

8Ke losika lwa masilo

a a nyatsegang

a a kobilweng mo lefatsheng

ka seme.

9Mme kajeno

ke sotlwa ke bone bao,

ba opela ka nna,

ba buabua ka nna.

10Ba katogana le nna,

ke maila mo go bone;

ga ba tshabe go nkgwela mathe

mo sefatlhegong.

11Gonne Modimo o repisitse

mosifa wa me wa nkokobetsa;

ka moo ba itshola bobe

fa pele ga me.

12Banyatsegi ba ntsogela

mo ntlheng ya le le jang,

ba nkgopisa maoto,

ba kata ditsela tsa bone

tsa go tla kwa go nna

le go ntshenya.

13Ba sentse tsela ya me,

ba thusa go ntiga.

Ga ba thibelwe ke ope.

14Ba tsena jaaka baba ka phatlha

e e atlhameng ya lorako,

ba bidikamela pele

mo gare ga marope.

15Ditherego di nkwetse,

di lelekile tlotlo ya me

jaaka phefo;

letlhogonolo la me

le nyeletse jaaka leru.

16Jaanong ke nnetse go lela;

malatsi a pogisego a ntshwere.

17Ke fetlhwa marapo otlhe bosigo;

matlhoko a a jang mo go nna

ga a didimale.

18Seaparo sa me se fetogile

ka thata e kgolo ya matlhoko;

se a mpeta

jaaka thamo ya hempe ya me.

19Modimo o ntatlhetse

mo seretseng;

ke tshwana le lerole le molora.

20Ke goela thuso kwa go wena,

mme ga o nkutlwe;

ke eme fa pele ga gago,

mme ga o nkele tlhoko.

21O mphetogetse yo o setlhogo,

o lwa le nna

ka thata ya diatla tsa gago.

22O ntsholeletsa mo phefong,

o e mpalamisa,

o ntheekedisa

mo modumong wa yona.

23Ee, ke a itse gore o nkisa losong

kwa ntlong ele

kwa go tla kgobokanang

botlhe ba ba phelang.

24Fela fa ntlo e wela motho,

a ga a kitla a ntsha letsogo?

Gongwe fa a latlhega,

a ga a kitla a goela thuso?

25Kampo a ga ke a lelela

yo o bonyeng

malatsi a a makete?

A ga ke a utlwela bahumanegi

botlhoko?

26Gonne ke ne ke solofetse

tse di molemo,

ga tla tse di bosula;

ke ne ke lebeletse lesedi,

ga tla lefifi.

27Ka mo teng ga me go a bela,

ga go khutle;

malatsi a tlalelo

a tlile mo go nna.

28Ke sepela ke hutsafetse,

ke se na lesedi;

ke nanoga mo phuthegong

ke goela thuso.

29Ke fetogile morwa-rraatso-diphokojwe

le selekane sa bontšhwe.

30Letlalo la me le tloga mo go nna

le ntshofetse;

marapo a me a fisiwa ke mogote.

31Sefela sa me

se fetogile khutsafalo;

melodi ya lotlhaka lwa me

e fetogile selelo sa ba ba lelang.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help