DILELO TSA GA JEREMIA 5 - Setswana 1970(TSW70)

Selelo se khutla ka thapelo

1Gakologelwa, Morena,

tse di re tletseng!

Leba ò bone kgobego ya rona!

2Naga ya ga etsho e tserwe

ke baeng;

ba ditšhaba di sele

ba nna mo matlong a rona.

3Re fetogile masiela,

re se na rraarona;

e kete bommaarona

ke batlholagadi.

4Metsi a rona re a nwa

re a lefetse ka madi;

dikgong tsa rona

re di bona ka go reka.

5Ba ba re lateletseng

ba mo thamong tsa rona;

fa re lapile, ga re na go ikhutsa.

6Re neelanye diatla le Baegepeto

le Baasiria

gore re tle re kgore bogobe.

7Borraetsho ba leofile,

mme ga ba tlhole ba le teng;

ke rona ba re rweleng dipetso

tsa melato ya bone.

8Batlhanka ba a re busa,

ga go na yo o re gololang

mo diatleng tsa bone.

9Dijo tsa rona re di tseela gae

re le mo kotsing ya go bolawa;

re tshaba tšhaka

ya baagi ba sekaka.

10Letlalo la rona le tuka bolelo

jaaka sebeso

ka ntlha ya mogote wa tlala.

11Go tlotlolotswe basadi mo Sione

le makgarebe

mo metseng ya Juta.

12Dikgosana di pegilwe,

tsa kgangwa ke megala ya bone;

go sa tlotlwe banna bagolo.

13Makau a na le go kuka lolwala;

basimane ba wa ba imetswe

ke dikota.

14Banna bagolo

ga ba tlhole ba ya lekgotleng;

makau a khutlile

go letsa dirankure.

15Boitumelo jwa dipelo tsa rona

bo fedile;

dipina di re fetogetse bohutsana.

16Serwalo sa bogosi

se ole mo ditlhogong tsa rona.

A tatlhego ya rona wee,

ka re leofile!

17Tse di re lwatsang dipelo

le go fifatsa matlho a rona

18ke tsa thaba ya Sione

e e fetogileng marope,

e diphokojwe di sianang

mo go yona.

19Wena Morena

o ntse o busa ka bosakhutleng;

sedulo sa bogosi sa gago

se tlhomame mo ditshikeng tsotlhe.

20Ke ka ntlhaang,

fa o re lebalela ruri,

o re tlogela sebaka se seleele?

21 Morena, re busetse

kwa go wena

gore re tle re tlhabologe;

ntšhwafatsa malatsi a rona

jaaka gale!

22Kampo a o re latlhetse ruri?

A o re galefetse thata thata?

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help