JOBE 6 - Setswana 1970(TSW70)

Jobe o a araba

1Jobe ene a fetola a re:

2“Ao! Botlhoko jwa me

bo ka bo bo elwa sentle.

Ba ka bo ba baya tatlhego

ya me yotlhe mo selekanyetsong.

3Kana foo e ka bo e le makete

bogolo go motlhaba wa lewatle;

ke ka moo ke gakiwang ke

puo.

4Gonne metsu

ya Mong-wa-thata-yotlhe

e tsepame mo go nna,

e botlhole jwa yona

bo nowang ke mowa wa me.

Ditheregiso tsa Modimo

di a ntlhasela.

5A esele ya naga e ka lela

e ntse e na le mafulo?

Gongwe a kgomo e ka lela

e ntse e jesiwa?

6A go jewa dijo tse di sa baloleng

tse di sa lokwang?

Gongwe a bosweu jwa lee

bo na le monate?

7Tse mowa wa me

o ganang go di ama

di tshwana le dijo

tse di ntenang.

8Ntlha nka bo ke tlelwa

ke tse ke di batlang;

Modimo wa nnaya

tse ke di lelelang!

9Ao! Modimo e kete o ka bo

o kgatlhwa ke go mpšhwetla.

A o otlolole letsogo, o nkgaole!

10Foo nka bo ke sa ntse ke na le

kgomotso;

nka bo ke ipela ke le botlhokong

jo bo se nang thekegelo.

Gonne ga ke a itatola mafoko a

Moitshepi.

11Ke eng se se ka nthatafatsang

gore ke itshoke?

Ke kae kwa nka isiwang teng

gore ke se fele pelo?

12A thata ya me ke thata ya lefika?

A mmele wa me ke wa tshipi?

13Nnyaya! Ga ke na go thusiwa

ka sepe!

Pholoso e lelekilwe mo go nna.

14Moitlhobogi o tshwanetswe

ke lorato lwa mongwe-ka-ene,

le fa a latlha go boifa

Mong-wa-thata-yotlhe.

15Bomorwa-rre ba ntshwabisitse

jaaka noka

le jaaka meedi ya dinoka

e e fetang ka pele,

16e e leng e mentsho ka dikgapetla,

e semathana se iphitlhang

mo go yona.

17E a re e fisiwa ke letsatsi,

e nyelele;

e re go le bolelo,

e kgale mafelong a yona.

18Masomo a baeti

a fapoga mo tseleng ya ona,

a ya sekakeng, a latlhega.

19Masomo a baeti ba Thema

a tlhola metsi;

makoko a baeti ba Šeba

a ikanya metsi.

20Mme tsholofelo ya bone

e tlhabisiwa ditlhong;

ba fitlha teng ba a swaba.

21Jaanong lo ntshwabisitse

fela jalo;

lo bona therego, mme lo a boifa.

22A nkile ka re: Mpheng,

lo ntefele ka di-tsa-lona,

23lo mpholose mo diatleng

tsa mmaba,

lo nthekolole mo diatleng

tsa barena ba ba peloethata?

24Nthuteng, ke tla didimala;

lo ntemose fa ke fositseng teng!

25Mafoko a nnete

a na le thata ruri,

mme go kgalema ga lona

go kgona eng?

26A lo rata go kgalemela

mafoko fela,

mme lo tseisa mafoko

a mosolofologi phefo?

27Ee, lesiela le lone

lo ka le tlhamela tengwa,

lwa bapatsa tsala ya lona.

28Mme jaanong, a lo ko lo ntebe!

Ruri, ga nkitla ke lo aketsa

re lebaganye!

29Boang tlhe,

a go se dirwe ka tshiamololo!

Boang, go fa ke sa ntse

ke le mo nneteng.

30A go na le tshiamololo

mo lolemeng lwa me?

Gongwe a magalapa a me

ga a lemoge

tse di isang mo tatlhegong?

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help