ESETERE 10 - Setswana 1970(TSW70)

Bogolo jwa ga Moretogai

1Kgosi Ahasewerose a kgethisa batho ba lefatshe le ba ditlhakatlhake tsa lewatle.

2Mme tiro yotlhe ya thata ya gagwe le bopelokgale jwa gagwe le polelo e e tletseng ya boemo jo bogolo jwa ga Moretogai jo kgosi e mmeileng mo go jona kana di kwadilwe mo lokwalong lwa ditirafalo tsa malatsi a dikgosi tsa Media le Peresia.

3Gonne Mojuta Moretogai o ne a tlhomaganela kgosi Ahasewerose, a le mogolo mo Bajuteng, a ratega mo bontsing jwa ba ga gabo, a batlela morafe wa ga gabo tse di molemo, a bua tse di agisang losika lotlhe lwa gagwe.

Blog
About Us
Message
Site Map

Who We AreWhat We EelieveWhat We Do

Terms of UsePrivacy Notice

2025 by iamachristian.org,Inc All rights reserved.

Home
Gospel
Question
Blog
Help